Ba kopiwa go dirisana le makalana
27 May 2019
Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba o kopile banni ba Mmathubudukwane go dirisana le makalana a semolao go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bana.
Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Rre Moagi Molebatsi o supile fa palamente e dirile ditshwaelo le ditshutiso di le mmalwa tsa melao, go akaretsa molao wa kgokgontsho ya bong.
Rre Molebatsi a re pele, molao wa kgokgontsho ya bong o ne o sireletsa bana le basadi fela, mme dipatlisiso di supile fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng, ka jalo palamente e ne ya baakanya ditsetlana tsa molao o, go o atolosa gore o akaretse le borre.
O tsweletse a supa gore molao o wa kgokgontsho ya bong o tsentswe ditsetlana tse di fang ba semolao dithata tsa go ka sekisa e be ba bona motsadi molato fa a itlhokomolosa kana a bipa dikgang tsa kgokgontsho ya bana.
“O ka atlholwa dingwaga tse tharo go ya kwa go tse supa mo kgolegelong, fa e le gore motho o itlhokomolosa dikgang tse mme a di bona,” ga tswelela Rre Molebatsi.
Rre Molebatsi o ne gape a akgola mohumagadi wa ga tautona, Mme Neo Masisi go bo a tsibogetse dikgang tsa kgokgontsho ya bana, a re se ke sekao sa gore dikgang tse ke tsa Batswana botlhe.
O tsweletswe gape a tsibosa banni ba Mmathubudukwane ka molao wa tiriso le thekiso ya diritibatsi.
A re molao o o gagamaditswe fela thata, mo eleng gore fa go lemosega gore motho o gweba ka diritibatsi, dithoto tsotlhe tse a di ikgobanyeditseng di a tsewa.
“Go na le melao e mengwe gape ya bo-money laundering (go tlhatswa madi), tshwenyetso setshaba le borukutlhi jwa baiphatlakanyi (terrorism) e e dirilweng, mme ele tshwanelo gore le itse ka yone,” a rialo Rre Molebatsi.
O tsweletse a supa gape gore palamente e ne ya dira molao o mongwe wa borukhuthi jwa maranyane, mme o akaretse ba ba tlhapaolang ba bangwe ka maranyane a Facebook.
“Molao o wa borukhuthi jwa maranyane o sireletsa le bana gotlhe le bagolo ba ba dirisiwang botlhaswa ka go tsewa dinepe ba sa tswala. Dingwaga tsa kgolegelo di simolola ka bosupa, lesome, lesome le botlhano kana go duedisiwa P500 000 kana P1 million,” ga bua Rre Molebatsi.
Fa a bua ka melao e mengwe, Rre Molebatsi o ne a supa gore molao wa bogodu ja leruo le one o baakantswe.
“Go etswe tlhoko gore go na le fa go sa gagamalang teng. Batho ba utswa leruo, ba a tshwarwa, kamoso ba letleletswe go emela tsheko kwa ntle, beke e tlang gape ba utsule ebe ba tswa gape. Mme jaanong molao o o leka go baakanya kgang e.
Magodu a leruo a tla emela tsheko mo kgolegelong, ebile gape molao o o letla gore le fa o sa amege mo go utsweng leruo, mme o adimile batho koloi kana sengwe ba utswa, le wena o tsile go seka,” a rialo Rre Molebatsi.
Fa a lekodisa mopalamente ka ditlhabololo tsa motse, mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Rre Isaac Siabatho a re ba na le mantlo a roba bongwe, mme a le mabedi mo go a robabongwe a sena motlakase.
O supile gore le ntswa matlo a a hiriseditswe badirela puso, mangwe matlo ga a dirisiwa ka a sena dibata tse di tlhapelang.
Rre Siabatho o ne gape a kopa khansele ya Kgatleng go ba thusa go baakanya dikago tsa metlobo ya dibuka, a re marulelo a wetse, mo go dirileng gore didirisiwa jaaka di-computera di tsewe ka di ne di sa sireletsega.
O ne gape a kgotatsa banni ba Mmathubudukwane ba ba itseng tiro ya go aga, go tsibogela tendera e duleng ya go aga mosele o thusang ka dinako tsa di pula.
“Dipampiri tsa tiro e di fa kgotleng, tlang go iteka lesego,” a rialo Rre Siabatho.
Banni ba motse ba ne ba nna le sebaka sa go kgwa mopalamente dikgaba, mme bontsi ba supile fa ba itumeletse ka fa mopalamenteng a ba etelang kgapetsakgapetsa ka teng.
Ba re se se supa gore ke morongwa wa tlhwatlhwa, e bile ba solofela fa a tla tsweledisa thomo ya bone kwa palamenteng. Banni ba tsweletse ba ngongorela go tlhoka go eta ga matona mo kgaolong ya bone, ba supa fa ba sa le ba letile tona wa botsogo, wa temo-thuo gammogo le wa ditsela, mme le gompieno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : MMATHUBUDUKWANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 May 2019