Breaking News

Batho ba feta dikete tse nne ba ikwadiseditse lenaneo

26 May 2019

Kgaolo ya Kgatleng e amogetse dikopo tsa batho ba le 4896 mo lenaneong la nyeletso lehuma.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla, e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Rre Moagi Molebatsi kwa Mmathubudukwane bosheng, Mme Maipelo Phiase wa ofisi ya ga molaodi a re ikwadiso e tswaletswe, mme jaanong ba tshwaragane le go sekaseka dikopo tsa baikopedi.

Mme Phiase a re bo mmaboipelego ba ba mo metseng ba tshwere ka natla go kanoka dikopo a ba a tlhomamisa gore mo Mmathubudukwane, tiro ya go kanoka dikopo e simolotse ka Mosupologo mo bekeng ee fetileng

“Ba tsile go tswelela ba le etela mo dijarateng tsa lona go tla go tlhatlhoba diemo tsa lona, ebile ke le rotloetsa gore ba le fitlhele mo malwapeng,” ga tlhalosa Mme Phiase. O tsweletse a supa gore bo mmaboipelego ba neetswe boikarabelo jwa go tlhatlhoba eba ba tsaa ditshwetso tsa gore go thusiwa mang, ga go thusiwe mang.

“Ba tla le tlhalosetsa, mme gape fa go na le ba ba ngongoregelang ditshwetso, ba letlesega go kwalela mokwaledi wa khansele go supa fa ba sa itumelela ditshwetso,” a tswelela Mme Phiase.

Mo metseng yotlhe e e masome a mararo le bobedi e e tsentseng dikopo, e le metlhano e kwadisitse dipalo tse di kwa godimo tsa ikopelo.

Boseja South e di gata ko pele ka 486, ebe e salwa morago ke Rasesa ka 376, Makakatlela ka 350, Ntshinoge ka 305 le Oodi ka 290 fa Mabalane ke yone go ikwadisetse 14.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Chenesani Motlhatlhedi wa ofisi ya tsadiso ya leruo o boleletse balemi-barui gore lenaneo la LIMID le buletswe, mme la ya go tswalelwa ka kgwedi ya Lwetse mono ngwaga. O supile gore lephata la gagwe le sekaseka dikopo tsa ngwaga oo fetileng tsa lone lenaneo le la LIMID.

Mme Motlhatlhedi o tsweletse gape a tsibosa barui gore ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi ale lesome le borababobedi, monketi o tlaabo a boloditse letsholo la go kenta dikgomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : MMATHUBUDUKWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 May 2019