Kereke ya St John Apostolic Faith e supa lerato
26 May 2019
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nyorosi Legare kwa Kanye, Mme Binki Oki, o akgoletse kereke ya St John Apostolic Faith Church in Zion go abela batlhoki diaparo.
Mme Oki o buile jalo fa kereke eo e ne e tshwere tiro ya go aba dimpho tse di akaretsang ditlhako, dikobo le paka ya baithuti kwa kgotleng ya Kgwatlheng. A re go aba go supa mowa wa lerato le neelano.
Kgosana ya Kgwatlheng, Rre Kagiso Gaofiwe ene o ne a akgolela kereke eo tiro e ba e dirileng a ba a re o dumela fa kgotla ya gagwe e tla a segofala.
Kgosana Gaofiwe o ne a ba gwetlha go tswelela ka mowa o montle o ba o supileng.
O kopile baruti ba dikereke go ne ba etela kgotla ya gagwe a tlhalosa gore o tshwenngwa ke botlhokatsebe jo bo atang mo bananeng ba kgotla eo.
Moemedi wa kereke, Mme Sister Steyn a re maikaelelo a bone e ne e le go lwantsha dikgwetlho tse Batswana ba lebaganyeng le tsone ka go ba kaela gore go na le botshabelo kwa Modimong.
A re ba lebile segolo jang banana ka ke bone gole gantsi ba farafarwang ke dikgwetlho jaaka ba gola.
A re ba na le mananeo a go thusa banana ba ba nang le ditalente tse di farologanyeng.
A re ga ba abe diaparo fela mme ba abelana gape le dikitso.
Kgosana Jack Molaoeng le ene o ne a akgola kereke ya St John a re go molemo go bona motho a dira tiro e ntle go na le yo o dirang ditiro tsa borukutlhi a ba a gwetlha banana go tsaya malebela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Kabo dimpho
Date : 26 May 2019