Tona Kgathi o laela Babirwa
26 May 2019
Mopalamente wa Bobonong, Rre Shaw Kgathi o lebogetse kemonokeng le tirisano mmogo ya Babirwa mo dingwageng tse a ntseng a ba eteletse pele e le mopalamente.
Rre Kgathi yo a neng a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Molalatau le Lepokole bosheng, o laetse banni ba kgaolo eo gore palamente fa e phatlaladiwa, o tlaa bo a sa tlhole a le mopalamente wa kgaolo.
A re o amogetse tshwetso e e tserweng ke banni ba kgaolo go bo ba sa mo tlhopha gape go nna moemedi wa bone.
Rre Kgathi a re o tsamaya go le boitumelo le kagiso mo go ene ka a bereketse kgaolo ka bokgabane e bile a eletsa gore e tswelele ka go akola ditlhabololo.
A re o tlogela Babirwa ba anwa metsi a a tlhatswitsweng a letamo la Thune le le nosang metse ya Bobirwa ka bontsi, gape a digetse ditsela tsa sekonotere kwa Bobonong.
Rre Kgathi o supile fa puso e kgonne gape go dira tsela ya sekonotere ya dikhilomethara tse di masome matlhano, e e tshwaraganyang Bobonong le Tsetsebjwe.
Mopalamente Kgathi yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo a re o tsene mo tirong ya bopalamente dikole tsa Bobirwa di sa dire sentle mme a itshwaraganya le barutabana go tlhabolola maduo, bogolo jang a tse dipotlana ka e le tsone motheo.
A re o lebogela gore dikole tse dipotlana di dira sentle mme a iteela legofi sa Gobojango gore se bo se tsweletse ka go tokafatsa maduo.
A re ka 2016 sekole se, se ne sa bona maduo a 21.6 per cent mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa mme ka 2017 sa oketsa go nna 85.7 fa ngogola se pasitse ka 95.9.
Le fa go ntse jalo, o supile fa dikole tse dikgolwane di santse di sa dire sentle mme a kopa gore batsadi le barutabana ba tshwaraganele thuto ya bana go tokafatsa maduo.
A re o tsamaya jaana a file bana ba dikole tse dipotlana paka ya sekole ka thuto e le mo pelong ya gagwe.
Rre Kgathi a re o kgonne go kopa dithuso gore go agwe kokelo ya Molalatau e mo go yone go tlaa nnang le fa go tlhatlhobelwang bolwetse jwa kankere, fa go fapisediwang teng, kwa batsetsing le diofisi tsa dingaka.
A re o tlogelela batho ba Molalatau boswa jo ba ka se keng ba bo tseelwe ke ope.
Fa ba tswa la bone, banni ba lebogetse Rre Kgathi tirisanyo mmogo le kutlwano e ba neng ba tshwaragane ka yone ba bo ba mo eleletsa tse dintle go ya pele mme ba kopa gore a nne a ba gadime a ba thuse ka megopolo e e tlaa isang kgaolo golo gongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MOLALATAU
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 26 May 2019