Breaking News

Bana ba rona mpho ya Modimo...

23 May 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o rotloeditse borre go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela malwapa.

Tautona Masisi o ne a bua kwa kabong dimpho ya lekalana la Orphan Nest kwa Old Naledi mo Gaborone maabane (Motsheganong 23).

Tautona o ne a lopa borre go nna motlotlo ka ngwao ya Setswana ya go tlhokomela malwapa, segolo bogolo bana.

Dr Masisi o gateletse botlhokwa jwa seabe sa borre mo kgodisong ya bana, a lemotsha fa mo malatsing a gompieno go tlwaelesegile gore borre ba latlhe bana mme ba felele ba tshela jaaka dikhutsana.

O kopile setshaba go boela kwa segologolong sa go tshwaraganela godiso ya ngwana.

Dr Masisi a re fa ngwana a tlhokafaletswe ke batsadi kana motsadi, ga go reye gore a tlhoke go godisiwa ka lorato ke ba a setseng le bone.  

Le fa go ntse jalo, Dr Masisi o ne a akgola ba Orphan Nest go bo ba ithaopile go thusa bana ba masiela.

Fa a latlhela la gagwe, mookamedi wa Orphan Nest, Mme Morati Kgari o ne a re lekalana la gagwe le itebagantse le go tsibosa setshaba ka kgokgontsho ya bana ba dikhutsana.

Mme Kgari o boletse gore seemo sa kgokgontsho ya bana se kwa godimo thata, ke sone se Orphan Nest e boneng go tswhwanela go tsibosa setshaba ka dikgang tsa go nna jalo.

O ne a kopa a ba a ikuela mo setshabeng go emisa kgokgontsho ya bana, a re bana ba ba latlhegetsweng ke batsadi le bone ba botlhokwa fela jaaka ba batsadi ba bone ba leng mo botshelong.

Mme Kgari a re lekalana la gagwe le direla mo Gaborone, mme le bereka le bana ba masiela Botswana ka bophara. A re ba tsamaya le lefatshe ba abela bana le go ba neela lorato.

Tautona o ne a aba dikobo di le lekgolo le masome a mararo,  e le tlaleletso mo dithotong tse dingwe tse di neng di ajwa ke makalana a a farologanyeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 23 May 2019