Kgathi o tlhalosa phetolo molao wa bogodu jwa leruo
23 May 2019
Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re molao wa bogodu jwa leruo o gagamaditswe go lwantsha bogodu jo bo ileng magoletsa mo Botswana.
O buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mabolwe, Semolale, Gobojango, Lentswelemoriti, Motlhabaneng le Mathathane.
Rre Kgathi a re molao oo e bile o beilwe monwana go nna mo tirisong gore fa batho ba tshwarwa ka leruo la bogodu, ba tsena kgolegelo ya dingwaga tse di lesome le bobedi fa e le lantlha, mme ba ba boelelang bone ba tsena kgolegelo ya dingwaga tse di lesome le botlhano.
A re beng ba diselaga bone ba tlaa tseelwa diteseletso.
E re dikgang di eme jalo, mothusa rramapodisi wa kgaolo ya Bokone Legare, Assistant Commissioner Deputy Division Commander North Central, Rre Tamapo Nthoiwa a re terata ya selekanyo sa 100m e setse e utsulwe kwa molelwaneng.
Rre Nthoiwa o tlhalositse gape gore go kapa ditshwantso di bo di anamisiwa mo maranyaneng ke molato.
O ne a rotloetsa morafe go ikgapha mo borukutlhing, go itsa go tsenya matshelo a bone mo diphatseng kana go itshenya maina.
Fa ba akgela, banni ba Mabolwe ba ne ba bua ba menne phata ka leruo la bone le le tlolelang kwa Zimbabwe.
Ba re fa puso e ka seke e gagamatse molao mabapi le leruo la bone le le tsewang ke baagisanyi ba Zimbabwe, go tlaa tlhagoga ntwa fa gare ga bone le maZimbabwe.
Ba re tshenyo ya diphologolo mo masimong a Mabolwe, Gobajango, Semolale Motlhabaneng le Mathathane e ile magoletsa.
Ba supa fa ba tswa ba iphotlhere ntateng ya ditlou, fa diphiri tsone di ba jela leruo mme ba sa atswiwe.
Banni bao ba ne ba leboga mopalamente ka ditlhabololo tse a di ba diretseng mo metseng ya bone, di akaretsa ditsela le dikgoro tsa molewane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 23 May 2019