Batlhophi ba kgothadiwa go nna le boikarabelo
23 May 2019
Batlhophi ba tshwanetse go nna le boikarabelo le kitso gore ba kgone go baya boeteledipele mo tseleng e e siameng.
Se se builwe ke batsena thuto-puisanyo ya go rutuntsha ka tsa sepolotiki e e rulagantsweng ke ba makgotlana a a ikemetseng a BOCONGO kwa Maun ka Mosupologo.
Fa a bua kwa bokopanong joo, mokhanselara wa Gxhabara Rre Vepaune Moreti o supile fa batlhophi ba sa kgone go pateletsa baemedi ba bone go diragatsa ditsholofetso ka go le gantsi batlhophi ba le boitseme go tsena diphuthego.
Rre Moreti o ne gape a re go le gantsi batlhophi ba kopa dithuso tsa nakwana mo baemeding ba bone jaaka madi le dijo, boemong jwa gore ba kope bogakolodi ka dikitso tse di ka ba isang golo gongwe mo botshelong.
A re nako e gorogile gore Batswana ba fetole mekgwa, e bile ba itse botlhokwa jwa kemedi ya bone, le gore le bone e le batlhophi ba nne le boikarabelo.
O bile gape a re go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa tlase mo lefatsheng leno ke sesupo sa go tlhoka boikabelo ga bangwe mo setshabeng, e bile a re batlhophi ga ba ke ba tsena bokopano jwa dikhansele go bona baemedi ba bone ba ngangisana ka megopolo.
Mongwe wa batsena thuto-puisanyo wa motlhoka-kutlo, Mme Kemmonye Keraetswe o ne a re puso e tshwanetse go dira gore ba-na-le bogole jaaka batlhoka kutlo ba seka ba salela morago fa mapolotiki a ipapatsa.
Mme Keraetswe a re puso e dire gore puo ya batlhoka-kutlo e nne nngwe ya dipuo tsa semmuso tsa lefatshe, gore le bone ba seka ba kgapelwa kwa ntle mo ditlhophong.
Mo tsena-phuthego yo mongwe, Rre Seloilwe Seloilwe, yo o emetseng ditlhopho tsa bokhanselara kwa Maun, ene o ne a re nako e gorogile ya gore banana ba tsenngwe mo dithulaganyong tsa lefatshe gore ba seka ba salela kwa morago.
Rre Seloilwe o ne a re phathi ya Alliance for Progressives e dira sentle ka go tsenya banana mo boeteledipeleng, e bile a re go ka nna molemo fa diphathi tsotlhe di ka tsenya banana mo maemong, bogolo jang banana ba bomme.
Rre Seloilwe a re nako e gorogile ya gore makgotla a sepolotiki a fiwe madi a go phadisanya ke puso.
Fa a ba ema pele, mongwe wa barulaganyi ba thuto-puisanyo eo, Rre Jerry Moloko go tswa BOCONGO, o ne a tlhalosa gore batlhophi ba tlhwatlhwa ke ba ba nang le kitso ka botlhokwa jwa ditlhopho, ka boeteledipele le gore puso ya batho ka batho ke eng.
Rre Moloko a re BOCONGO ka thotloetso ya ba European Union e bonye botlhokwa jwa go thusa lekgotla la ditlhopho ka go rutuntsha Batswana ka tsa sepolotiki le ditlhopho.
Mme Mpho Tapela wa lekgotla la Botswana Society for the Deaf ene o ne a gwetlha ba-tsena phuthego go bala dibuka tsa melao le tsa ditlhopho gore ba nne le kitso ya go tlhabolola lefatshe la bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Thuto-puisanyo
Date : 23 May 2019