Breaking News

Ba dikonteraka ba dia ditlhabololo

23 May 2019

Beng ba dikonteraka ba ba abelwang ditiro tsa puso ba kgaletswe go dia ditlhabololo, segolo jang go agwa ga ditsela.

Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, e bile e le tona wa  dipalamo le ditlhaeletsanyo, Mme Dorcas Makgato o buile jaana a buisa diphuthego kwa Ngwapa, Mokobeng, Moshopha, Letloreng le Machaneng, go lekodisa banni ka tsa lephata la gagwe.

Mme Makgato a re tsamaiso e tlhoka go baakanngwa gore tsotlhe di boele mo seemong.

O supile fa puso e sale e abile madi gore ditsela tse di tlhokang go tlhabololwa di dirwe, mme ga nna madiadia, a bakwa ke  dikgang tsa boikuelo tsa beng ba dikonteraka tse di fa pele ga makgotla a ditsheko.

A re madiadia ao, a tlhoka go rarabololwa gore a seka a dia ditlhabololo, ka gape seo se ama le tsone ditlhwatlhwa, ka di gola ngwaga le ngwaga.

Mme Makgato a re o itemogetse fa ditsamaiso mo lephateng la gagwe di sa tlhamalala, mme di tlhoka tharabololo

O ne a lebogela gore Tautona o lemoga botlhokwa jwa go kgaoganya lephata leo ga bedi, ka e le lengwe la maphata a matona.

A re gape go agwa ga maphata sesha ka Phalapne go ya go thusa mo go sekasekeng a a imeditsweng ditiro.

Mme Makgato o ne a supa fa lephata la gagwe e le la bogokaganyi ka legokaganya lefatshe leno le mafatshe a mangwe ka tsa maranyane a puso e tshwereng ka natla go bona gore a tsenngwa mo tirisong.

O tlhalositse fa lephata la gagwe le filwe boikarabelo jwa go gokaganya metsi, motlakase le ditlhaeletsanyo tsa maranyane ka maikaelelo a go tlhamela Batswana ditiro.

Mopalamente o ne a supa fa kgaolo ya Tswapong e neetswe boikarabelo jwa go itebaganya le tsa temo ya nosetso, ka fa tlase ga lenaneo magoboka a ditirelo la Special Economic Zone, go lebeletswe seemo sa go tswakanya itsholelelo, go na le go baya fela mo ditswammung.

A re seo gape se tlaa bo se dirwa go akaretsa  batsaya karolo mo mererong ya tsa itsholelo le go ba fa maikarabelo.

Mme Makgato a re o tlhaloganya dikgang tsa kgaolo ya gagwe jaaka tlhaelo ya metsi, ditsela, motlakase le tsa thuto, a tlhalosa fa a tsweletse ka go itebaganya le tsone ka bongwe ka bongwe.

O tlhalositse ka go thapiwa ga mogolwane wa thuto mo kgaolong eo, gore a itebaganye le seemo se se ngomolang pelo kwa dikoleng tsa kgaolo ka bophara.

A re boatlhamo jwa dikgaolo bo dia go anama ga ditlhabololo.

A re dikgaolo-potlana di tshwanetse go nna le bodiredi, ga mmogo le madi a ditsamaiso jaaka kgaolwana ya Mahalapye.

Mme Makgato o ne a ba lekodisa ka tsa palamente.

E rile a itebaganya le tshotiso ya go tlhophiwa ga ga Tautona, a re e re le tswa e fetisitswe, go santse go le go ntsi mo go tshwanetseng go dirwa, ka e ama molao-motheo, o o ka fetolwang fela fa Batswana ba dumelana ka patlo-maikutlo.

A re Batswana ba seka ba iteega tsebe ka gore seo ga se ye go kgoreletsa tsamaiso e e leng teng, ka go iwa ditlhophong.

A re ditlhopho tsa 2019 di ya go dirwa fela jaaka go ntse go dirwa tse di kwa morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : NGWAPA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 23 May 2019