Breaking News

Badirelapuso ba kopilwe go tsholetsa kgaolo

22 May 2019

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang a re e le maphata a a okametsweng ke ofisi ya ga Tautona, puso e lebile go le gontsi mo go bone go rekisa mananeo a yone.

Mme Kerekang o buile jalo mo bokopanong jwa badirelapuso ba maphata ao kwa Tutume bosheng.

O kopile gore ba dire ba le seopo sengwe go bona gore ba tsholetsa kgaolo eo le batho ba teng.

A re motho ga a a tshwanela go dira ka go salwa morago, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le maitlamo a go ntsha maduo fa a leng teng.

Mme Kerekang a re badiredi ba puso ba ititeile sehuba go neela setshaba bodiredi jwa tlhwatlhwa, ka go sala morago melawana e e lesome e mmuso o e ba beileng pele.

O ne a tlatsa ka go re nngwe ya ditsetlana tseo tse di lesome ke go tlotla botlhe ba re ba direlang ka dinako tsotlhe le go tsaya dingongorego jaaka seipone mo go tse re di dirang go tokafatsa maduo.

Gape o ne a kopa badiri bao go nna ba bala melawana ya tsa phiro jaaka Public Service Act le General Orders.

A re di ka ba supegetsa gore ba setse tsamaiso morago.

A re gape ba tshwanetse go thusana le puso ntwa kgatlhanong le tshenyetso setshaba.

Mme Kerekang o ne a kopa badiri bao go tlogela mokgwa wa go tsena morago ga nako le go ngwega mo tirong.

Fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso o ne a gatelela ka botlhokwa jwa bokopano joo.

Rre Tshekiso a re bokopano bo ba fa sebaka sa go kopanela dikgwetlho e le maphata ka go farologana, mme kwa bofelong ba tle ka ditharabololo tsa tsone.

A re ba santse ba na le kgwetlho ya go tlhoka go tsisa dikgang tse di ka kopanelwang ke maphata kwa diphuthegong.

A re moono ke gore ba dire ba le ngatana le go kopanela dikgwetlho go leka go tsholetsa kgaolo le go isa ditirelo kwa bathong ka nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Bokopano

Date : 22 May 2019