Breaking News

Senyawe o itumelela ditlhabololo

22 May 2019

Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Senyawe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ya re e itumelela madi a a abelwang dikgaolwana ka a ba thusitse go tlhabolola motse wa bone.

Mo potsolotsong le BOPA, mokwaledi wa komiti eo, Mme Realeboga Dinizulu o tlhalositse fa e rile ka 2018/19 ba fiwa P700 000 go aga leobo la kgotla.

O buile fa ba ne ba thuba leobo le legologolo la disenke mme ba aga la ditebego tse di tlhabolotsweng le le ruletsweng ka morulelo wa sesha.

A re Senyawe ke mongwe wa metse e le mmalwa mo kgaolong ya Bokone Botlhaba e e tsereng moalo o mosha wa maobo a kgotla a lebotana la ditena tse dinnye.

Mme Dinizulu a re kago ya leobo le e simolotswe 2018 a tsamaela go fela mme e bile e tloga e fela.

O tlhalositse fa rakonteraka yo o abetsweng kago e e le ngwana wa Senyawe, ka jalo a thapile banana ba le lesome le botlhano mo gae.

Le fa go ntse jalo o supile fa ba nnile le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya metsi mo ba feletseng ba aga metsi kwa nokeng ka nako ya dipula.

A re Senyawe ke mongwe wa metse e e aperweng ke tlhaelo ya metsi e bile go botlhoko le go gaisa ka ba sena le lone letamo.

Mo go tse dingwe, Mme Dinizulu a re ba kgonne go aga ntlo ya borobalo ya LA2 ka madi a, e a reng e saletswe fela ke go gokelelwa motlakase.

A re ntlo e, e tlaa direla VDC madi ka ba tlaa kgona gore ba e hirise ba lwantshe tlhaelo ya boroko mo motseng.

O tshwaetse fa ntlo e, ba e agile ka P383 000 mo ngwageng wa madi wa 2017/18.

Mokwaledi o buile fa go ya pele ba ikaelela go agelela sekole  se sebotlana ka teraka e e tiileng ka mo nakong ya gompieno leruo le tlhagela mo sekoleng ka terata ya teng e sa nonofa.

Mme Dinizulu a re go lwantsha tlhaelo ya metsi mo motsing ba ikaelela go aga matangwana mo lotshitshing lwa dinoka fa ba santse ba emetse go aga letamo le letona.

O bua fa go na le lefelo le le sa bolong go seegelwa fa thoko go aga letamo mme e bile ba setse ba remile ditlhare mo lefelong leo.

O tlhalositse fa ba solofetse gore ba ka epa letamo le letona la motse fa puso e ka tswelela ka lenaneo la madi a dikgaolwana.

A re fa e ne e se ka madi a,  ba ka bo ba sa kgona maiteko a go tlhabolola motse.

Ka  jalo a re ba lebogela madi a.

Mme Dinizulu o kopile ba khansele ya Bokone Botlhaba gore ba nne ba akaretsa komiti ya ditlhabololo fa ba tla go sekaseka dikago, se e le go tlhomamisa gore badiri ba khansele ba fiwa polelo e e nonofileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : SENYAWE

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2019