Breaking News

Segomelo ke kgosana ya tetlanyo ya kgotla ya Kalaota

22 May 2019

Kgosi Mosimanegape Segomelo o tlhomamisitswe semmuso go nna kgosana wa tetlanyo ya kgotla ya Kalaota kwa Moshupa.

E rile a mo tlhoma mo maemong ao, Kgosi Kgabosetso Mosielele a bolelela Kgosana Segomelo gore o tsena mo tirong e tona e e tlhokang lorato, boineelo le bopelotelele.

Kgosi Mosielele o mo gakolotse go tsaya batho ka tekatekanyo, a re fa a ka tlhaola batho ga a kitla a busa sentle.

O mo gakolotse go bopaganya morafe e seng go o phatlalatsa, a gatelela ka go re a itse gore fa morafe o ka mo phatlalalela ga go kake  ga nna motlhofo go o kokoanya gape.

Kgosi Mosielele o kopile Kgosana Segomelo gore a seka a araba dikgang ka bonako mme a tseye nako go di reetsa.

O mo kopile gore a seka a reetsa motho a le nosi, ka jaana go le botlhokwa gore a utlwe matlhakore oo-mabedi a kgang, pele ga a tsaya tshwetso.

Kgosi Mosielele a re le mororo Rre Segomelo a tlhomamisiwa gonna kgosana mo nakong eno, e santse e le modirelapuso, ka jalo o tshwareletswe ke rangwaneagwe Rre Mogapi Nkunyane go fitlhelela ka nako e a tlaa supang fa jaanong a le teng go ka tsaya maemo ao.

O kopile rangwaneagwe kgosi a itsese Kgosana Segomelo ditiro tsa kgotla, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go di tshwaraganela, mme sepe se seka sa ba tsena gare.

Mo go tse dingwe, Kgosi Mosielele o kopile morafe go ipela ka Sekgatla sa bone, le kobo ya bone, a gatelela ka go re ba e dirise mo ditirong tsa kgotla.

O kopile magosana go gasa molaetsa o o mo diphuthegong tsa kgotla gore bomme ba apare kobo ya bone ya Sekgatla mo ditirong tse di maleba.

Letsatsi leo le ne la natefisiwa ka maboko le mmino wa setso ka ba Lekuka la Setso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : MOSHUPA

Event : Tlhomamiso Ya Kgosana

Date : 22 May 2019