Breaking News

Ba tlhotlhomisa polao ya mosadi

22 May 2019

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go belaelwang fa mosadi wa dingwaga tse di masome a mane le bone a bolailwe ke moratiwa wa gagwe wa dingwaga tseo, kwa masimong a Tshetlhwane gaufi le Ditshegwane.

Mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Superintendent Mogomotsi Kesupile, o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo ka Labotlhano kgwedi eno e le lesome le bosupa bosigo.

O tlhalositse fa ngwana wa moswi wa dingwaga tse di lesome le bosupa a ba boleletse fa a ne a utlwa mmaagwe a kua mokgosi, mme a ragogela kwa ntlong ya bone, kwa a neng mo fitlhela a kgophaletse mo dikobong mme a leletsa mapodisi.

O tlhalositse fa mapodisi ba ne ba ragosetsa mme yoo kwa kokelwaneng ya Letlhakeng kwa ngaka e neng ya rurifatsa fa a tlhokafetse.

Superintendent Kesupile o boletse fa moswi a tlholega kwa kgotleng ya Motsamai kwa Ditshegwane, fa mmelaelwa a tswa kwa kgotleng ya Mokgalo kwa Metsibotlhoko.

O tlhalositse fa mmelaelwa a tlaa itshupa kwa kgotleng ya  ditsheko mo bogaufing.

Supt Kesupile o kopile baratani go kopa bogakolodi mo batsading, ba boipelego le mapodisi go fema dipolao, a supa fa go gapela yo motho yo mongwe botshelo go tsisetsa ba gagabo kutlobotlhoko le ditshenyegelo tse di sa tlhokafaleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2019