Breaking News

Sentsho o tlhongwa kgosana

21 May 2019

Morafe wa Basikwa kwa Kopong o dirile ditso jaaka fa ba ne ba tlhoma mosadi wa ntlha go nna kgosana ka Matlhatso.

Mme Betty Sentsho o tlhomilwe go nna kgosana fa gare ga magosana a borre ba le masome a mabedi le bobedi.

Moletlo wa go tlhoma Mme Sentsho o ne o ketekelwa kwa kgotleng kgolo ya Basikwa kwa Kopong e bile o tsenwe ke Kgosi Kgosikwena Sebele yo e leng rangwaneagwe Kgosi Kgari III e bile gape e le motlogolo wa bogosi jwa Basikwa.

Fa a rurifatsa go tlhongwa mo setilong ga ga Mme Sentsho go nna kgosana, Kgosi Michael Molefe o ne a neela Mme Sentsho molao wa setilo sa bogosi le gore tiro ya gagwe ke eng mo morafeng o a o eteletseng pele.

Kgosi Molefe o kaile fa Kopong a humile ditso.

O tlhalosa fa Kopong e ne e le lefelo le go neng go kopanelwa teng go ya go dirwa kopo.

O tlhalositse gore motse  o dirile ditso ka go baya mosadi wa ntlha kgosana. A re le fa go ntse jalo, bogosi bo na le karolo e tona mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.

Kgosi Molefe o kopile morafe ka kakaretso go leka go fedisa medumo ya bogosi.

Fa a itebaganya le go fa Mme Sentsho molao, Kgosi Molefe o tlhalositse gore kgosi ke kgosi ka batho.

O gateletse gape gore kgosi ke motho yo o boikobo e bile a ikanya Modimo ka dinako tsotlhe.

O boleletse Mme Sentsho gore tiro ya kgosi ke go tlhokomela morafe, e bile ga a a tshwanela go inyatsa ka gore ke mosadi.

Kgosi Molefe o bile a gatelela gore tiro ya kgosi ke go lomaganya bodiredi jwa puso, mopalamente, mokhanselara le komiti ya ditlhabololo ga mmogo le makalana a puso le morafe.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Sebele o tlhalositse gore ka Setswana, go tlwaelesegile gore kgosi e tswe ka kwa kgotleng (ka kwa go borre) mme ka jalo a tsibosa gore tshwetso e e dirilweng e seka ya lere diphapang.

Kgosi Sebele o tlhagisitse morafe gore go seka ga nna le dikgang tsa gore bangwe ba raelesege go bua gore bone ga ba busiwe ke mosadi. 

Ka jalo o kopile Mme Sentsho go ikanya Jehofa gore e nne ene a mo fang botlhale le go mo kaela tsela.

Rangwaneagwe Mme Sentsho Rre Motala Molefe le malomaagwe  e bong Rre Gopolang Mogampane le bone ba ne ba supa fa ba itumeletse go bewa mo setilong ga motlogolo wa bone e bile ba supa fa ba mo eleletsa masego le matlhogonolo, mme ba mo latsa ka lefoko le le reng kgosi ke thotobolo e olela matlakala.

Mme Sentsho le ene o tshepisitse gore ga go na go nna le modumo ope go tswa ka kwa ga gabo tebang le setilo sa bogosi ka batsalwa le ene ba dumalane ka bongwefela jwa pelo gore a fiwe setilo sa ga rraagwe sa bogosi ka a setse a godile. 

A re o tsile go tlotla setilo sa ga rraagwe e bile o motlotlo go bo a filwe boikarabelo jo bo kalokalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : KOPONG

Event : Moletlo wa go Tlhoma Kgosana

Date : 21 May 2019