Breaking News

Kweneng District Ventures e ikaelela go dira letseno

21 May 2019

Mogolwane wa Kweneng District Ventures o tlhaloseditse khansele-potlana ya Letlhakeng fa khamphani e, e le ya khansele ya Kweneng e maikaelelo a yone e leng go direla khansele letseno.

Rre Namedi Modise o tlhalositse fa badiri ba khamphani e se babereki ba khansele.

O tlhalositse fa ba na le lefelo gaufi le kampa ya masole kwa Mogoditshane, le maikaelelo a lone e leng go ngoka babeeletsi go aga maremelelo a makisetso teng, a supa fa ba setse ba bone bangwe, ba diilwe fela ke tsheko ya lefelo leo.

Rre Modise o tlhalositse gore ba ikaeletse go aga marekisetso a a tlaa lopang P680 million, e le wa boraro ka bogolo, go tswa mo go wa Game City le Airport junction.

A re maikaelelo mangwe ke go dira mafelo a bojanala, a tlhalosa fa ba santse ba tlaa kopana le ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng go ba sekasekisa kgang e, mme ba tsweletse le go batla ditsela tse dingwe tse di tlaa direlang khansele letseno le ka lone go tlaa dirwang ditlhabololo mo kgaolong.

Rre Modise o boletse fa ba sa batle go iphitlhela ba gogagogana le bagwebi ba babotlana, mme a kopa makhanselara go tswa ka megopolo.

Makhanselara ba ne ba supa fa ba sa itumelela go bo khamphani e sa le e simolotse go dira ka 2015, mme e le lantlha e gata kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng.

Mokhanselara wa Mantshwabisi/Serinane, Rre Meshack Tshenyego a re khamphani e ekare ke ya Mogoditshane le Thamaga ka Letlhakeng a saletse kwa morago.

A re ba kile ba ya go tsaya malebela go dira kofi kwa Kenya mme morago ba ithela moriti o tsididi.

Mokhanselara Stella Segwagwa o boditse gore diphatlha tsa tiro tsa khamphani, di ne di phatlaladitswe kae ka ba sa di bona.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Digobo Ramatlhaosa o boditse kwa ba tsayang madi teng go dira ditiro, fa mokhanselara wa Moshaweng/ Monwane, Rre Rutang Rasega a ne a kopa Kweneng Ventures go tsamaya le kgaolo yotlhe go bona mafelo a ba ka a dirang bojanala.

Fa a ba kgwa kgaba, Rre Modise o ne a supa fa phatlalatso ya ditiro e ne e dule mo pampiring ya dikgang.

O supile fa e le nnete e le gone ba yang Letlhakeng, mme keletso e le go itebaganya le kgaolo yotlhe.

A re ba eletsa go latela kofi kwa Kenya go tla e pakiwa e feletse. O supile fa ba ne ba filwe P1.5 million go simolola ditiro tse mme morago ba adima madi a khansele.

Mokhanselara wa Ngware/Diphuduhudu, Rre Ontatlhile Selatlho o gakolotse gore fa ba batla go kgona kgwebo, ba dire ditshekatsheko pele.

O ne gape a tsiboga fa ba thusa batho bogolo thata ka fa lephateng la go adimisa madi, a supa fa dibanka di gapa batho maikutlo ka dithuso tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 21 May 2019