Itshidilo mmele e ka kganela madi a matona - Machacha
21 May 2019
Mogolwane wa dipatela mo lephateng la botsogo le boitekanelo, Dr Tshepo Machacha o kaile fa go itshidila mmele ka dinako tsotlhe go ka kganela bolwetse jwa madi a a kwa godimo.
O buile jaana mo letsatsing la mafatshefatshe la ipelelo letsatsi la bolwetse jwa madi a kwa godimo kwa Oodi ka Matlhatso.
A re itshidilo mmele e dira gore ditshika tsa mmele di tie mme di kgone go isa madi kwa di tshwanetseng teng di sa kganelwe ke sepe.
Dr Machacha a re bontsi jwa Batswana fa ba tshwarwa ka bolwetse joo ba baakanya dijo fela tse ba di jang mme ba tlogele tsa itshidilo mmele kwa morago.
A re itshidilo mmele ke yone e dirang dilo motlhofo mo mmeleng jaaka go isa madi kwa a tshwanetseng go ya teng le gone go kganela malwetse ape a a ka tswang a iphitlhile mo mmeleng.
Dr Machacha a re Batswana ba tlhasetswe ke malwetse a a sa tshelanweng ka mabaka a dijo tse di nang le mahura le letswai le lentsi mme ba sa itshidile mme.
O tlhalositse fa go itshidila mmele go sa diragale fela kwa matlong a itshidilo le bakatisi mme motho a ka itshidila fela le kwa lwapeng.
A re go tsamaya sekgalanyana le go bereka ka diatla kwa lwapeng jaaka go tlhatswa, go apaya le go feela ke dingwe ditsela tsa itshidilo mmele.
Dr Machacha a re go nnela mo setilong ruri, o dirisa tsa maranyane le go ja thata ke dingwe tse di bakang madi a kwa godimo.
A re Batswana ba tlamega go itlhokomela ka gore go tlhoka go itlhokomela go tsisa leso fela le malwetse.
Dr Machacha o lebogetse Batswana ba ba santseng ba tshwere ka thata mo go direng ditiro tsa mo gae jaaka go lema, go bereka mo malwapeng le ba ba jang dijo tsa Setswana ka di na le dikotla tse dintsi.
Fa a bua ka dijo tse di siametseng mebele, moitsanape wa tsa dijo go tswa Afiya Health Mme Malebogo Eluya a re go botlhokwa gore motho a bone ba bongaka ka tsamao ya madi a gagwe mo mmeleng.
A re batho ba emela gore ba ise bolwetse kwa kokelong go na le go ya fela ba sa lwale ba itlhatlhobela malwetse a a sa tshelanweng.
Mme Eluya a re dijo tsotlhe tsa lesika la mashi di tshwanetse go akarediwa mo dijong tse di jewang ka nako tsotlhe ka di na le kotla ya Calcium e e thatafatsang marapo.
A re dijo tse di nang le dikotla jaaka merogo le maungo ga di ture mme batho ga ba rate go di reka ba tlhalosa fa di le bosula.
Mme Eluya a re go ja dijo tse di nang le dikotla mmogo le go itshidila mmele go fa motho maatla le thata ya go lwantsha malwetse mo mmeleng.
Mmantswitswidi wa tsa itshidilo mmele Rre Diteko Baabina o tlhalositse fa batho ba tshwanetse go itse gore fa ba sa iphe nako ya go itshidila mmele ba gaufi le go lwala.
A re go botoka go iphemela mo malwetseng ka go se turu e bile go sa duelelwe mme go lwantsha bolwetse bo setse bo le teng go dingalo e bile go tsenya kgatelelo.
Rre Baabina a re go itshidila mmele go dira gore motho a seka a tsofala ka bonako.
A re Batswana ba tshwanetse go boela ngwao ya go tsamaya ka dinao fa ba ya gaufi jaaka kwa mabentleleng go na le go tsamaya ka dikoloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Miranda Mapotsane
Location : OODI
Event : Letsatsi la Bolwetse Jwa Madi a Matona
Date : 21 May 2019