Breaking News

Rutang bana Setswana

21 May 2019

Batsadi ba kgothaditswe go ruta bana Setswana.

Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la ngwao bosheng, Kgosana wa Urban Customary Court, Kgosi Patricia Radipati o rotloeditse batsadi go ruta bana Setswana se se phepa.

Kgosi Radipati o tlhalositse fa go itse puo ya Setswana go le botlhokwa go na le go ipela ka go itse dipuo tsa merafe e sele.

E rile a itebaganya le baithuti ba sekole se segolwane sa Bokamoso, Kgosi Radipati a re ba seka ba letlelela maikutlo a balekane ba bone go ba gatelela.

Morati le morotloetsi wa ngwao, Rre Emmanuel Boefelo o boleletse baithuti gore konokono ya ngwao ke puo, a kopa gore ba seka ba tlhabisiwa ditlhong ke ngwao ya bone, mme ba e amogele ba e tshele, ba bo ba e tshegetse.

Morutabana e bile e le mongwe wa barulaganyi ba moletlo oo, Mme Tshepo Moroka o boletse fa moletlo o wa go ipelela ngwao kwa sekoleng sa Bokamoso o simolotse ngogola, ka setlhogo se se reng Ngwao, Seipone sa Setshaba.

O boletse fa maikaelelo a moletlo e ne e le go tshwaragana go ngoka baithuti go itse ngwao ya bone gammogo le batsadi le setshaba ka kakaretso.

Setlhogo sa moletlo wa mono ngwaga se ne sere: Puo ya me, Boipelo jwa me.”  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : GABORONE

Event : Letsatsi la Ipelelo Ngwao

Date : 21 May 2019