Breaking News

Go ja dijo tse di siametseng mmele konokono

21 May 2019

Moeteledipele wa tsa khiro le tsamaiso puso mo lephateng la dikago le tlhabololo matlo go tswa ofisi kgolo Gaborone Rre Molefi Dirakano o kgothaditse badiri ba lephata leo go ja dijo tse di senang mahura a mantsi le go itshidila mmele.

A re go dira jalo go ka thusa mo botsogong jo bo siameng le mmele o o itekanetseng.

Rre Dirakano o buile jaana mo letsatsing la babereki ba lephata la dikago le tlhabololo matlo le le neng le seegetswe fa thoko go fa badiri sebaka sa go itshidila mmele le go ithuta ka malwetse  a a sa tshelanweng le botlhokwa jwa go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone.

Moeteledipele o ne a tswelela ka go tlhalosa fa bogologolo batho ba ne ba sa tshabelelwe ke malwetse a a leng teng gompieno ka ba ne ba ipha nako ya go tsamaya ka maoto le go dira ditiro tsa diatla le tsa mo malwapeng.

O supile fa gape ba ne ba aja dijo tsa setso le maungo a naga  ka di na le menontshane e e lekanetseng go na le tse di jewang mo nakong ya gompieno tse di nang le mahura, sukiri le letswai le le ntsi, tse a reng di na le seabe se se ntsi mo go tsenweng  ke malwetsi a a sa tshelanweng.

A re morago ga go lemoga fa go na le kwelo tlase ya maduo mo tirong le ntswa go na le mananeo a tokofatso maduo, puso e ne ya rotloetsa maphata a puso go simolodisa dikomiti tsa botsogo le boitekanelo go tokofatsa maduo ka modiri a ka seke a kgone go dira tiro ka manontlhotlho fa a sena botsogo jo bo nametsang.

O ne a gwetlha badiri go tseela kwa godimo botsogo jwa bone ka go ya go itlhatlhobela malwetse a akaretsa sukiri, madi a matona, kankere  gammogo le HIV go ka ba thusa go itseela dikgato tse di maleba pele ga bolwetse bo tsaya phekelo e sele.

Rre Dikarano o ne a supa fa go itekanela ga badiri go ka fokotsa  ditshenyegelo tsa puso mo go tsa botsogo le go fokotsa malatsi a a neelwang badiri ke dingaka a go ikoka mme seo se thuse thata mo koketsegong ya itsholelo. 

Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, mogolwane mo go tsa botsogo le pabalesego mo tirong go tswa ofisi kgolo mo lephateng leo Mme Kgaotsang Kamwi o ne a gakolola badiri ba lephata la dikago le tlhabololo matlo go nna le seabe mo kabong ya madi a mmele  ka a tlhaela thata mo lefatsheng leno.

Mo mafokong a gagwe a kgothatso, Mme Magdaline Ndlovu mogolwane go tswa mo lephateng leo o ne a gwetlha bomme go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo le ya lebele pele ga e kekela ka e  tsweletse ka go gapa matshelo a bomme  ba le bantsi mo lefatsheng leno.

Mme Ndluvu o ne a kgothatsa babereki ba lephata leo mo Tsabong go tswelela ba tsholeletsa leina la lephata leo kwa godimo ka go thusa maphata a puso ka ditirelo tsa tlhwatlhwa  e bile di le maleba le ka nako e e tshwanetseng.

O ne a ba kopa go tseela ditiro ya bone kwa godimo ka ba thapilwe ke puso ka tsholofelo ya gore ba tlaa direla seshaba ka manontlhotlho le ka botho jo bo eletsegang.

Mo letsatsing leo ba District Health Management Team  ba ne ba tlhatlhobela babereki  malwetse fa ba Tebelopele le BOCAIP ba ne ba tlhatlhobela batho HIV. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Letsatsing la Itshidilo Mmele

Date : 21 May 2019