Breaking News

Sankuyo Tshwaragano Management Trust e a ipaakanya

20 May 2019

Lekgotla la Sankuyo Tshwaragano Management Trust le ne le rulagantse bokopano go itsese morafe wa Sankuyo fa ba baakantse ditsamaiso tsa lone go tokafatsa bodiredi le go kgona dikeletso tsa lone.

Mookamedi wa lekgotla leo Rre Tuelo Babedi o tlhalositse kwa bokopanong le morafe kwa Sankuyo bosheng fa ba kgaogantse tsamaiso e e neng e dirisiwa pele ka ditsetlana di le nne gore nngwe le nngwe e ikemele ka nosi.

Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba kopa gore go dirwe thuto-puisanyo gore ba kgone go tlhaloganya ditsamaiso sentle.

Rre Babedi o supile fa ditsetlana e le tsa botsamaisi le melawana, tsa bodiredi, tsa tsamaiso ya madi, le tsa go baya dipampiri sentle.

O buile fa ditsetlana tse, di tlhalosa mo go tseneletseng  ka se morafe o se solofetelang mo lekgotleng la Sankuyo Tshwaragano Management Trust, ka tsa dituelo tsa badiri le go boloka dipoelo, botlhokwa jwa go boloka kitso yotlhe ka lekgotla leo gore yo o e batlang a e bone motlhofo.

Rre Babedi o ne gape a tlhalosa fa ba dirile maiteko a go ntsifatsa ditsetlana tseo, ba di baya mo diofising tsa bone tsa Maun le Sankuyo gore morafe o kgone go di bona motlhofo.

O bile a re maikaelelo a bokopano joo e ne e le go itsese morafe ka lenaneo la 2019 go ya go wa 2025 o o supang dikeletso tsa lekgotla mo dingwageng tseo.

Rre Babedi o ne a tshwaela fa lekgotla leo le sa le le kwadisitswe semmuso ka 1995 le tsamaisiwa ke banni ba motse oo go somarela le go akola di-tsa tlholego.

Le fa go ntse jalo batsena phuthego ba ne ba kopa gore bokopano joo bo tlosolosiwe, e bile bo tle mo selebegong sa thuto-puisanyo gore batho ba kgone go tlhaloganya diphetogo tseo.

Mongwe wa banni, Rre Olerato Dipuo o ne a re thuto-puisanyo ke yone e e maleba gore batho ba ka tlhaloganya ditsetlana tseo ka e bile mokwalo wa teng o le montsi.

Rre Atlarelang Kitso ene o ne a ngongorega gore ditsetlana tseo di kwadilwe ka sekgowa se se tseneletseng se bagolo ba ka sekeng ba se tlhaloganya motlhofo.

Mme Lenkemetse Ntaashoma o ne a re morafe o tshwanetse wa fiwa nako go bala le go tlhaloganya ditsetlana tse disha pele ga ba ka di amogela.

A re go dira jalo go ka thusa gore le kamoso ba eme lekgotla la bone nokeng e sere gongwe ba ba itatola ba re ditsetlana tseo di fetisitswe ka pele.

Modulasetilo wa Sankuyo Tshwaragano Management Trust, Rre Tumelo Ntema o ne a supa fa tumalano ya go fokotsa palo ya morafe e ne e dumalanwa go lebilwe gore banni ba motse ga ba tsene diphuthego ka bontsi, a tlhalosa fa bangwe ba dirwa ke go bo ba berekela kgakala mo dikampeng tsa bojanala.

Le fa go ntse jalo, Rre Ntema a re ba tlaa nama ba ise ba fokotse palo jaaka morafe o kopile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : SANKUYO

Event : Bokopano

Date : 20 May 2019