Breaking News

Dikole tsa bananyana di na le mosola

20 May 2019

Thuto ya bananyana ke yone motheo wa thuto e bile e botlhokwa thata mo go sugeng le go godisa tlhaloganyo ya ngwana.

Le fa go ntse jalo, go lebega bangwe ba santse ba tsaya dikole tsa bananyana lolea mme go ngomola pelo go bona metse e mengwe e sena dikole tsa go nna jalo gotlhelele.

E ne ya re kgwedi eno e le lesome le borataro (Motsheganong 16), BOPA ya etela sekole sa bananyana sa Senywawe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, kwa ba fitlhileng ba buisana le mong wa sekole seo, Mme Sabelo Ndlovu.

Mme Ndlovu o ne a re le ntswa ka bonya ka bonya batsadi ba lemoga botlhokwa jwa dikole tsa bananyana, fela bontsi bo santse bo goga dinao go ka isa bana ba bone kwa dikoleng tseo.

O ne a gakolola batsadi kgatlhanong le go tsaya dikole tseo lolea, a re ba tshwanetse go netefatsa gore ba leka bojotlhe go isa bana kwa dikoleng tsa bananyana pele ga ba simolola kwa dikoleng tse di potlana.

Mme Ndlovu o kgadile batsadi ba ba isang bana kwa dikoleng tsa bananyana ka mabaka a gore ba bone tlhokomelo teng, a re maikaelelo a magolo ke gore bana ba bone thuto.

A re dikole tsa bananyana di thusa gore bana ba tlwaele mahulo ba seka ba tshoga fa ba goroga kwa dikoleng tse dipotlana.

O supile fa e bile bana ba sekole sa gagwe ba na le ditiro dingwe tse ba di kopanelang le ba sekole se sebotlana, e le ka maikaelelo a go ba tlwaetsa tikologo ya koo.

Mme Ndlovu, yo o tlholegang kwa Butale, o boletse fa maitemogelo a gagwe a go nna morutabana wa pele wa dikole tse dipotlana e le one a mo gwetlhileng go innakanya le kgwebo ya sekole sa bananyana.

O  kaile fa a ne a lemogile gore bana ba ba fetang ka dikole tseo, go nna motlhofo gore ba wele fa barutabana ba eletsang teng fa ba simolola lekwalo la ntlha.

Mme Ndlovu a re mo go tlogeleng tiro ga gagwe ka bogodi ka 2002, o ne a seka a gadima kwa morago, ka jalo a kopa teseletso kwa khanseleng go bula sekole sa bananyana kwa Senyawe.

Fa a akgela mababi le ntlha ya gore o ka tswa a beile motse wa gagwe wa Butale ka fa mosing ka go tlhoka go bula sekole seo koo, Mme Ndlovu o boletse fa a ne a dira ditshekatsheko mme a bona fa palo ya banni ba Senyawe e ka thusa kgwebo ya gagwe go tswelelela e itsetsepetse.

A re e re ka jaana Senyawe le Butale e le nko le molomo o ne a tsaya tshwetso ya go theogela a tswa Butale, ka jalo a phakela a tla le bana bangwe ba motse oo, ba batsadi ba bone ba nang le keletso ya gore ba tsene sekole seo.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa tlhobaelo ya go bo go simolodisiwa ga tonto tshipidi mo dikoleng tse dipotlana go bakile gore dikgwebo tsa motlhale oo di tlhotse, ka batsadi bangwe ba itlhokomolosa dikole tseo, ba laletse go isa bana ba bone kwa go tsa puso.

Mme Ndlovu a re puso e ka bo e sa simolodisa thulaganyo eo kwa metseng e go nang le dikole  tsa bananyana teng gore tse di tsamaisiwang ke beng di kgone go tswelela di itsetsepetse.

Sekole seo sa Pretty Angels Day Care Centre, se sale se nnile teng kwa Senyawe ka 2002 mme mo nakong eno se na le bana ba le lesome le boferabobedi le badiri ba le bane.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Senyawe, Rre William Tatose o iteetse legofi go nna teng ga sekole seo le ka fa se tsweletseng ka teng.

O tlhalositse fa bana bangwe ba ba alogileng mo go sone ba setse ba alogile  kwa dikoleng tse di kgolwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : SENYAWE

Event : Potsolotso

Date : 20 May 2019