Breaking News

Re A Nyalana e gorogile kwa Ghanzi

19 May 2019

Lenaneo la Re A Nyalana le kopantse borre ba le 26 le bakapelo mo nyalong bosheng mo modirong o o neng o tshwaretswe kwa Ghanzi.

Banyalani ba, ba ne ba tswa mo dikgaolong tse di farologaneng tsa Ghanzi, di akaretsa East Hanahai, West Hanahai, New Xade, Kacgae le Ghanzi.

Fa a amogela baeng, Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi o akgoletse banyalani go tsaya tswetso e e botlhokwa ya go nyalana a bo a ba kgothatsa go tsena mo nyalong ka maikutlo a a feletseng.

Kgosi Lekgothu o gakolotse borre gore le fa manyalo a bone a le ka fa molaong, go ka nna molemo gore e kare fa nako e ntse e tsamaya, ba sena go ithulaganya ba ntshetsa basadi  bogadi go diragatsa tsamaiso ya lenyalo la Setswana.

Kgosi a re go botlhowa gore ba dire thulanyo e gore le bone ba tle ba kgone go tsenelela ditiro tsa Setswana le gore basadi ba bone ba tle ba apesiwe ditjale.

A re tjale e na le moila, e aparwa fela ke mme yo o e apesitsweng ka fa Setswaneng.

“Mo manyalong a Setswana ga le atumele, ke batla go le tlhagisetsa ruri ka gore batho ba tlhakatlhanya dilo.

Fa re le kwa mapakong ga le tsene,” kgosi a tlhalosa.

Le fa go ntse jalo, o gakolotse borre gore ba seka ba kgokgontsha basadi le go ba fetola makgoba, a re ba tlhoka lerato le tlhokomelo.

Modiri mo ofising ya ga molaodi, Rre Thatayaone Maithamako o ne a supa fa nyalo e le botlhokwa ka e aga setshaba sa motia e bile e le motheo wa setshaba.

Rre Maithamako a re nyalo e ka itsa gore tshika go ya baneng e se kgaoge.

Mosimolodi e bile e le moeteledipele wa lenaneo la Re A Nyalana, Mme Annah Morwaagole o ne a supa fa lenaneo le, le setse le tshwere manyalo a le 4 516 Botswana ka bophara.

A re mo manyalong a, ga go ise go nne le ditlhalano tse di atileng thata mo manyalong a mangwe.

O ne a tlhalosetsa banyalani gore manyalo a bone a nonofile fela jaaka manyalo a mangwe.

Mothusa molaodi wa Ghanzi, Rre Thabo Mokoti yo o neng a tsamaisa manyalo a, o gakolotse banyalani gore manyalo a bone a na le boleng fela jaaka manyalo otlhe .

Rre Mokoti o ba kopile go rerisanya mo dikgannyeng tse di amang madi ka di ka thuba malwapa e bile kgokgontsho e nne sereto mo malwapeng a bone.

Mmakasetereta wa Ghanzi, Mme Lechani Wotho ene a gakolotse banyalani go tshela ka thapelo.

A re nyalo e tlhodilwe ke Modimo.

Moemedi wa Namibia mo Botswana, Rre Easser Kapere le moemedi wa Turkey mo Botswana, Mme Meltem Buyukkarakas ke bangwe ba ba neng ba tla go supa kemo nokeng mo tirong e ya lonyalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Re A Nyalana

Date : 19 May 2019