Mapalamente a pele a kgala kgokgontsho
19 May 2019
Lekgotla la mapalamente a pele le kgadile borukutlhi jo bo kekelang, segolo thata jwa kgokgontsho ya bana le ya bong.
Se ke maitemogelo a lekgotla le morago ga phuthego ya ngwaga le ngwaga e maloko a neng a e tsene bosheng.
Mokwalo o o tswang kwa lekgotleng leo o tlhalosa fa maloko a ikuela mo badiring ba melato e e setlhogo e go emisa ditiro tse ka di sa amogelesege mo setshabeng e bile di le kgatlhanong le boitshwaro jo bo lolameng le setho.
Maloko a ikuetse mo makgotleng a a ikemetseng go diragatsa seabe sa one sa go fokotsa manokonoko a a bakwang ke kgokgontsho.
Lekgotla le bile la kopa puso gore e seka ya gagamatsa melao fela, mme e eme nokeng e bo e neele makalana a a thusang ba ba kgokgontshitsweng ditlamelo le ditsompelo tse di tlhokegang.
Fela jaaka setshaba ka kakaretso, lekgotla le la re le gakgamaditswe ke kgolo ya tshenyetso setshaba e e tsweletseng ka go begwa mo metsweding ya dikgang.
“Ditiragalo tsa tshenyetso setshaba go lebega di ile magoletsa mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng.”
Maloko a ikuetse mo Batswaneng go amogela ka tsoo-pedi ntwa kgatlhanong le tshenyetso setshaba ya mefuta yotlhe.
Lekgotla gape le kgothatsa botlhe go ema nokeng makalana a puso a a neetsweng boikarabelo jwa go tlhotlhomisa tshenyetso setshaba go rurifatsa gore ba ba amegang ba tseelwa dikgato tse di maleba.
Go botlhokwa gore makalana a a abelwe ditsompelo tse a di tlhokang le kgololesego ya go dira thomo ya one e e botlhokwa.
Ka jalo, matona a a pele a kopa Batswana go ikgatholosa mafoko a a seng maleba go babalela kagiso le ledula tse batho ba lefatshe le ba tswang kgakala ba di ipelela mme se se dira gore mafatshe a meletse Botswana mathe.
Mokwalo o o tlhalosa fa go le botlhokwa go sala tsamaiso morago e e tswang goo-Lowe ya gore botautona ba pele ba tlotle yo o mo setilong go mo fa sebaka sa go tsamaisa merero ya lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Phuthego
Date : 19 May 2019