Dikgosi di ngongoregela tshenyo ya terata ya molelwane
19 May 2019
Dikgosi tsa metse e e mo molelwaneng wa Botswana le Zimbabwe tsa re ga di jesiwe diwelang ke tshenyo ya terata ya molelwane e e kgaoganyang mafatshe a mabedi ao.
Mo potsolotsong, Kgosi Louis Siviya wa Siviya o tshwaetse fa tshenyo e e bakwa ke batho ba ba gwebang ka go tlodisetsa leokwane kwa Zimbabwe ka bokukuntshwane ka ba phunya terata go bula tsela ya dikoloi.
O tlhalositse gore mo metseng e mengwe jaaka bo Gungwe, Mbalambi le Zwenshambe terata e e sentswe ke ditlou ka di e gata fa di kgabaganya molelwane go nwa metsi mo matamong.
A re tshenyo e e baka gore dikgomo tsa mafatshe a mabedi di felele di kgabaganya molelwane ka go rata le go kgona mme se se gakatse kanamo ya tlhako le molomo.
Kgosi Siviya o supile gore ka ntlha ya terata e, magodu le bone ba utswa leruo, segolo jang la Botswana le le tlolelang kwa Zimbabwe.
A re e le bogogi jwa motse ba rotloeditse banni go disa leruo mme bangwe ba santse ba saletse kwa morago.
O tsweletse ka go tlhalosa fa ba lephata la matlhoko a leruo ba thapile batho mo metseng go tlhokomela motsamao wa leruo kwa molelwaneng mme a re ga a itumedisiwe ke maiteko a bone ka ba sa tsenye leitlho thata go tlhomamisa gore leruo ga le tlole molelwane.
Kgosi o buile fa dikgomo tsa Zimbabwe di kile tsa kgabaganyetsa mo Siviya mme ba lephata la matlhoko a leruo ba di bolaya ba bo ba di tshuba jaaka go tshwanetse go itsa kanamo ya tlhako le molomo.
Kgosi Sonnyboy Buka wa Gungwe o buile fa batho ba sa tlhole ba disa leruo mme se se baka gore le itaole mme le felele le tloletse kwa Zimbabwe.
Kgosi Buka a re dikgang tsa leruo le le senyang mo masimo di ya magoletsa ka ntlha ya gore leruo ga le tlhokomelwe.
A re banni ba metse e e mo molelwaneng ba tshwanetse go nna kelelelo go tlhomamisa gore leruo la bone ga le tlolele kwa Zimbabwe go itsa gore le bolawe.
Kgosi George Moroka wa Moroka o ne a kgala ba ba gwebang ka go tlodisetsa leokwane kwa Zimbabwe ka bokukuntshwane a re ba na le seabe mo go phunyeng terata ya molelwane.
O kopile banni botlhe ba metse e e mo molelwaneng go berekisana le mapodisi go tlhomamisa gore batho ba ba dirang borukutlhi bope fela mo Botswana le Zimbabwe ba a tshwarwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : SIVIYA
Event : Potsolotso
Date : 19 May 2019