Breaking News

Kgathi o itumelela tirisano mmogo

19 May 2019

Mopalamente wa Bobonong Rre Shaw Kgathi a re o itumeletse tirisano mmogo ya gagwe le baeteledipele ba maphata ga mmogo le magosi a kgaolo ya gagwe.

Tona Kgathi, yo e bileng e le tona wa itshireleto, molao le thokgamo, o buile jaana fa a laela baeteledipele le magosi kwa Bobonong bosheng, a tlhalosa fa a sena go nna mopalamente wa kgaolo morago ga ditlhopho tsa setshaba ka a ne a seka a atlega mo go tsa peo-lotlhokwa tsa BDP.

A re le fa go ntse jalo, o itumelela go bo a kgonne go ngokela ditlhabololo mo kgaolong ya gagwe, di akaretsa go agiwa ga kampa ya sepodisi kwa Semolale, borogo jwa Platjaan le molelwane wa Mabolwe.

Rre Kgathi a re go solofetswe fa mo nakong e e sa fediseng pelo, go tlaa dirwa tsela e e lomaganyang Moletemane le Tsetsebye ka P53 million.

O tlhalositse fa puso e tlotla dikgosi ka go ba ema nokeng go dira tiro ya bone ka manontlhotlho.

A re dikgosi tsa gompieno bangwe e sa le banana mme se, se supa kgolo ya bogosi.

Rre Kgathi o kopile Batswana gore ba seka ba latlhegelwa ke ngwao ka e le botlhokwa.

Baeteledipele ba maphata le dikgosi ba supile fa ba itumeletse ditlhabololo tse Rre Kgathi a ba di diretseng kwa kgaolong ya Bobonong.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ditlhabolo go tswa kwa khanseleng, Mme Malebogo Magano o tlhalositse fa go na le ditiro di ferabobedi, go aga le go ntshafatsa dikago mo dikoleng tse dipotlana mo kgaolong ya Bobonong.

Ditiro tse a re di dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo mme madi a dikago tse disha mo dikoleng tse nne tse di tlhophilweng a ka tshwara P8m fa tse di ntshafadiwang madi a tsone a ka tshwara P5.8m.

Mme Magano a re ditiro tse tsotlhe di setse di dirisitse P4m mme kgatelopele ya tsone e tsamaya fa go 49.4 mo lekgolong.

Mogolwane wa ditlhabololo wa ofisi ya ga molaodi, Rre Claude Batsile o tlhalositse fa ba ne ba na le mananeo a ba neng ba a ipeile pele mo kgaolong ya Bobonong jaaka go atolosetsa metsi kwa metseng go tswa kwa letamong la Thune.

O supile fa metse e le tlhano mo go e le lesome e setse e enwa metsi a letamo la Thune go similola ngogola ka Phukwi.

O tlhalositse fa metse e e setseng e tlaa gokelwa fa kabo ya ditirelo e sena go dirwa mo ngwageng ono wa madi. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 19 May 2019