Diragatsang tumalano - Leo
16 May 2019
Mokhanselara yoo itlhophetsweng kwa Molepolole, Rre Mothophi Leo, a re o tshwenngwa ke tiego ya go ithola tsamaiso ya mapalamelo a dibese ke khansele ya Kweneng.
Fa a akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Botokanyana Motoroko, bosheng Mokhanselara Leo o ne a supa fa a tshwenngwa ke gore e re le ntswa go dumelanwe gore tsamaiso ya lefelo leo e rolelwe khansele potlana e, botsamaisi bo tsweletse ka go ipaa moriti o tsididi ka kgang eo.
O ne a kopa gore go potlakelwe thulaganyo eo, ka e ka thusa khansele potlana go ikokoanyetsa madi ka tlhokomelo ya dikago tsa lefelo leo, tse a reng mo nakong eno tlhokomlo ya tsone e kwa tlase.
Tlhobaelo ke gore tiego e tsala tatlhegelo, ka jalo go tlhagafalelwe tiriso ya lefelo leo go thusa go tlhabolola le sone seemo sa itsholelo ya motse, ga tlhalosa Rre Leo.
Mopalamelo a dibese a ne a tsogelwa ke modumo morago ga gore khansele e gogagogane le konteraka kwa makgotleng a ditsheko.
Rre Leo a re o tshwenngwa gape ke dikago tsa puso tse di fetogileng matlotla mo gare ga motse, a a fa sekai ka dikago tse di akaretsang motlobo wa dibuka, dikago tsa sekolo sa Bakwena Itekeng le ofisi ya pele ya lephata la dipalamo.
A re dikago tseo di latlheletswe ebile di fetogile matlotla le mororo tlhaelo ya diofisi e le selelo sa gangwe le gape.
Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a bolela fa a tlhobaediwa ke magatwe a go ferelela mo dikgangnnyeng tsa babereki ba lekgotla la BOPEU ga sepolitki.
O tlhagisitse mapolitiki go itisa gore ba seka ba amegea ka mo maraganateng a makgotla a babereki e sere kgotsa ba iphitlhela ba itlhabile ka thipa mpeng.
“Fela jaaka re kgalema badirela puso gore ba se itetle go amega mo dikgannyeng tsa sepolitiki, go botlhokwa gore fela jalo re ba tlogele go rarabolola dikgang tsa bone go sena tlhotlheletso ya sepolitiki, “ ga gakolola Mokhanselara Leo.
Matshwenyego a ga mokhanselara ka dikgang tsa maemelo a di bese ane a iteelwa kobo moroko ke mokhanselara yo o itlhophetsweng Mme Tshenolo Leshomo.
Mokhanselara Leshomo, o bile a kopa gore madi aa tshwarwang ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse a dirisiwe mo ditirong tsa go tlhabolola dikgaolwana tseo, go hema tiriso botlhaswa ya matlole a dikomiti tse.
A re go tshola madi go ka tsala tlhaelesego le mororo dikgaolo di na le letlhoko mme ditiro tsa ditlhabololo e nna morwalo wa dikhansele.
“Go botlhokwa gore thulaganyo ya go dupa dibuka tsa di komiti e tsepame, mme go gagamaletswe ba ba amegang setoropo go fokotsa go dirwa dilo ka tshokamo, le gore ba ba amegang ba arabele dikgang tse di kwa morago le fa ba ka tswa ba buseditswe mo maemong.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : phuthego ya khansele
Date : 16 May 2019