Bohule o tshela ka mogolokwane
15 May 2019
E setse e le selo modiro kwa Moshupa gore barulaganyi ba mediro mengwe ba natifise mediro eo ka mogolokwane oo tseremang wa ga Mme Moshale Bohule.
Mme Bohule a re go letsa mogolokwane ke mpho ya Modimo ka a sa o rutwa ke ope.
Le fa go ntse jalo, botswerere jwa ga Mme Bohule ga bo gakgamatse ka jaana mmaagwe, Mme Gaolebale Mokgosi, le ene o ne a tumile ka mogolokwane.
Mme Bohule, yo o dingwaga di masome marataro le bobedi, a re o godile a ithaopa go leletsa batho mogolokwane kwa medirong, mme jaanong nako e gorogile gore a dirise bokgoni jwa gagwe go itshetsa.
A re o ntse a diragatsa le mongwe wa losika, Mme Aria Bohule, yo bogodi bo neng jwa mo fokoletsa metsamao.
“Batho ba setse ba nkitse le mogolokwane wa me, e bile fa ke seo mo modirong ba a lemoga,” a tlhalosa.
Mme Bohule a re keletso ya gagwe ke go bona talente ya gagwe e mo direla madi.
Mogopolo o, o simologile a sena go lemoga gore yaare a diragatsa kwa medirong go bo go sena sepe se a se supang.
A re dingwaga tse tsotlhe o ntse a ithaopa fela mme bangwe ba mo leboga ka bonnyennyane jo ba bo kgonang.
Mme Bohule a re o ikemiseditse go tsamaela gongwe le gongwe mo Botswana kwa a ka bidiwang teng ka a ipela ka mpho ya gagwe ebile a eletsa go itsege lefatshe ka bophara. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MOSHUPA
Event : Potsolotso
Date : 15 May 2019