Kgosi o kopa gore lefatshe le tlhokomelwe
15 May 2019
Mongwe wa magosi kwa Maun, Kgosi Leretetse Mogalakwe, o kopile lephata la tsamaiso lefatshe, metsi le kgopo leswe go tswa ka ditsela tsa go somarela lefatshe kwa kgaolong ya Bokone Bophirima.
O buile se kwa bokopanong jwa maphata a tsamaiso lefatshe jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun bosheng.
A re bontsi jwa lefatshe mo kgaolong ya Bokone Bophirima bo tserwe ke makgobokgobo ka jalo lefatshe la ditsha tsa morafe le a tlhaela.
O gakolotse fa go ka tsewa malebela kwa mafelong mangwe jaaka Tlokweng kwa go dirilweng thulaganyo ya gore beng-gae ba beelwe masome a marataro mo lekgolong a lefatshe.
Kgosi Mogalakwe o ne supa fa go le botlhokwa gore kwadiso ya ditsha e ame meraka le masimo gore kgolo ya metse e seka ya ama mafelo ao.
O tsweletse ka go gatelela gore Maun o na le bokgoni ja go gola mme o tlhoka dithulaganyo tsa lefatshe tse di tsepameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Bokopano
Date : 15 May 2019