Matlo a barutabana a lorile
14 May 2019
Barutabana ba le babedi ba sekolo se segolwane sa Ghanzi ba dule ba itshophere morago ga go re matlo a bone a jewe ke molelo ka Matlhatso.
Mookamela mapodisi a Ghanzi, Superintendent Modiro Lekone, o tlhomamisitse fa matlo ao a ne a sha a bo a lora, ka jalo ga go sa ntshiwa mo mo go one.
Supt Lekone o boletse fa mo ntlong e nngwe, molelo o bakile tsenyo ya dilwana tse di ka lopang madi a a fetang P70 000 fa mo ntlong ya bobedi molelo o bakile tshenyo ya dilwana tse di fetang P60 000.
A re tiragalo eo e diragetse ka nako ya boferabobedi bosigo jwa Matlhatso fa ntlo e nngwe e ne e na le bana ba mawelana le mogoloabone fa e nngwe e ne e na le mosadi.
A re ka lesego botlhe ba falotse ba sa bona dikgobalo.
Supt Lekone a re molelo o ne wa lemogiwa ke mme mongwe yo o nnang go bapa le matlo ao mme a begela mapodisi.
A re ba dirisana le khamphane ya motlakase ya Botswana Power Corporation (BPC) go seka seka se se ka tswang se bakile molelo oo fa ba lephata la dikago bone ba thusa go tlhotlhomisa go re molelo o katswa o bakile tshenyo ee kana kang mo dikagong.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Lekone a re ka Matlhatso ka nako ya boraro mo maitseboeng, mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa kgotlana ya Kabakae kwa Ghanzi o ne a thulwa ke koloi ya modiro wa Toyota Hilux mme a robega leoto la molema.
A re mosetsana yoo o ne a ragosediwa kwa kokelong e potlana ya Ghanzi kwa a neng a robadiwa teng.
O tlhalositse fa mosetsana yoo a ne kgabaganya tsela fa a tlaa thulwa ke koloi.
Supt Lekone a re mokgweetsi o tlaa lebisiwa melato e meraro ya go kgweetsa a nole, a sena teseletso le go kgweetsa ka bofafalele.
A re mokgweetsi, yo o dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, o santse tshegeditswe ke mapodisi mme a tlaa ipega kwa lekgotleng ka Motsheganong a le masome a mabedi le bosupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Potsolotso
Date : 14 May 2019