Sekole sa Gopong se amogela matlo a borutelo
13 May 2019
Batsadi kwa Gopong kwa kgaolong ya Borwa ba boleletswe gore ba tlaa tseelwa dikgato fa ba itsa bana go tsena sekole.
Fa a bula matlo mangwe a borutelo bosheng, mothusa mokwaledi wa khansele ya Borwa, Rre Thamiso Tshabalala, o tlhalositse fa go le botlhokwa gore batsadi ba tlhokomele thuto ya bana.
A re batsadi ba tshwanetse go rotloetsa bana go tlhagafalela thuto go na le go ba kgoba marapo.
Rre Tshabalala o kopile gore matlo a borutelo a fiwe tlhokomelo e e tshwanetseng.
E rile a amogela dilotlolo tsa matlwana a borutelo, mogolwane wa thuto kwa kgaolong ya Good Hope, Mme Ruth Matlhape, o ne a lebogela puso go aga matlo a borutelo aa reng a tlaa rotloetsa baithuti ba bannye go tswelela ka dithuto go sena bothata jwa go tsena ba le bantsi mo ntlwaneng e le nngwe.
Mme Matlhape a re lephata la thuto le itumeletse ditlhabololo mme a supa fa a tla tlhomaisa gore di a tlhokomelwa.
Sekole se amogela lekwalo la ntlha le la bobedi mme bana ba tsweledisa dithuto tse di latelang kwa sekolong sa Digawana le metse e e mabapi.
O kaile fa thuto e le botlhokwa bogolo jang mo baneng ba bannye ka e ba betlela tsela ya bokamoso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOPONG
Event : Kabo matlo
Date : 13 May 2019