Lenaneo le itebaganya le dikotsi
13 May 2019
Mookamela mapodisi a pharakano kwa kgaolong ya Legare, Assistant Commissioner Pelontle Kesupile, o tlhalositse fa banana ba ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa go tse di masome mane ba amega thata mo dikotsing tsa tsela.
Assistant Commissioner Kesupile o buile se kwa tshimolodisong semmuso ya tirelo ya go ruta bakgweetsi ba banana botlhokwa jwa go ipabalela le go obamela matshwao a tsela fa ba kgweetsa.
Thuto puisano e, e ne e tshwaretswe kwa Selebi Phikwe bosheng.
Assistant Commissioner Kesupile o ne a supa fa tshimolodiso ya lenaneo le, e ne ya bolotswa semmuso ke mookamelamapodisi, Rre Keabetswe Makgophe, ngwaga o o fetileng.
Se, se ne sa bulela motseletsele wa dithuto puisano tsa mofuta o, lefatshe ka bophara.
Assistant Commissioner Kesupile a re maikaelelo ke go betla tsela ya go fokotsa dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a banana.
O ne a supa fa e rile ka ngwaga wa 2017, ga tlhokafala batho ba le 247 fa ka ngwaga wa 2018 ba le 251 le bone ba ne ba latlhegelwa ke matshelo.
Rre Kesupile o ne a supa fa dingwe tsa dikotsi tse di gapileng matshelo a batho di ka bo di ne tsa tilwa fa go ka bo go ne ga obamelwa matshwao a tsela.
O ne a supa fa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, go kgweetsa ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi, go dirisa mesokela tsebeng motho a kgweetsa le go tlhoka boikarabelo jwa ba tsamaya ka dinao e le dingwe tsa dilo tse di bakang dikotsi tsa tsela.
Le fa go ntse jalo, Rre Abram Ntshiping go tswa kwa lekalaneng la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) o ne a bolela fa madi a a ka bong a tlhabolola Batswana a dirisiwa thata mo bathong ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela.
Rre Ntshiping o ne a supa fa ba thusa batho botlhe ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, mme fa go ka fitlhelwa mokgweetsi ka na mongwe yoo o amegileng mo kotsing eo a ne a sa obamela matshwao a tsela, o ka tseelwa dikgato ka go duela madi a dirisitsweng go thusa ba ba amegileng.
A re lekalana la MVA Fund le dirile se morago ga go lemoga go tlhoka boikarabelo ga badirisi ba tsela.
Rre Ntshiping o ne a supa fa borre e le bone ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela go na le bomme.
Kgosi wa kgotla ya Ikageleng, Kgosi Tebogo Stephen, o ne a kopa banana le batsadi ba ba neng ba tsene thuto puisano go tsaya molaetsa ka tlhwaafalo le go ya go ruta ba bangwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Thuthuntsho
Date : 13 May 2019