Breaking News

Tsenang diphuthego tsa kgotla - Habangana

12 May 2019

Kgosi Ngocha Habangana wa Mapoka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a re o tshwenngwa ke banni ba motse ba ba maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla.

Kgosi Habangana a re le ntswa go dirwa maiteko a go anamisa molaetsa ka diphuthego, bangwe ba tsweletse ka go itlhokomolosa seo.

A re ke matlhabisa ditlhong ka jaana morafe o na le mokgwa wa go iponatsa kwa kgotleng fela fa go na le khiro ya Ipelegeng kgotsa go na le phuthego ya matona a puso.

Kgosi Habangana a re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa go tsena diphuthego tsa kgotla go le botlhokwa, ka e le gone kwa ba utlwang le go abelana megopolo tebang ka ditlhabololo tsa motse.

Le fa gontse jalo, Kgosi Habangana a re ba mo lenaneong la go simolodisa thulaganyo ya gore go hirelwe Ipelegeng kwa dikgotlaneng, mme go tlaa dirwa jalo go sena go sekasekwa ka fa ba tsayang karolo mo ditirong tsa motse ka teng, go akarediwa le gone go tsena diphuthego tsa kgotla.

A re mo godimo ga moo, ba mo thulaganyong gape ya gore e re pele ba neela ope yo o kopang thuso fa kgotleng ya motse, ba bo ba sekaseka pele mo dibukeng tsa bone go tlhomamisa gore a motho wa go nna jalo o tsena diphuthego tsa kgotla.

Tebang le ditlhabololo tsa motse, Kgosi Habangana a re le fa ditlhabololo di tla ka go rotha, o itumedisiwa ke go bo ditiro dingwe di tsweletse ka go diragadiwa.

O supile fa kago ya leobo la kgotla le le agiwang ka madi a ditlhabololo a a abelwang dikgaolo e tsweletse sentle mme e bile a na le tshepo ya gore e tlaa bo weditswe mo nakong e e sa fediseng pelo.

A re dingwe tsa ditlhabololo tse ba di solofetseng kwa motseng wa bone ke go agiwa ga matlo a LA2 a le mabedi le satellite police.

Kgosi Habangana a re go agiwa ga matlo ao, go tlaa fokotsa letlhoko la boroko jwa badirela puso, jo a boletseng fa e le nngwe ya dikgwetlho tse di sa ba jeseng diwelang kwa motseng oo.

O tlhalositse fa seemo seo se ama bogolo jang baoki, ka jaana ba felela ba tlamega go theogela ba tswa kgakala le kwa kokelong mme e bile mongwe wa bone a theogela a tswa Francistown, a re seo ga se a ema banni sentle fa ba na le diemo tsa tshoganetso bosigo.

Kgosi o tsweletse ka go kopa khansele go tsholetsa dinao, go netefatsa gore e isa didirisiwa ntle le tiego epe le go tlhomamisa gore ditiro di wediwa ka nako.

Kgosi Habangana o boletse fa a itumelela go bo mananeo a nyeletso lehuma a goroga kwa motseng wa bone, le fa a le sebete se molangwana tebang le banni bangwe ba ba nang le mokgwa wa go sa tlhokomeleng tse ba thusiwang ka tsone.

A re go a tshwenya ka jaana bangwe ba felela ba phuaganya mananeo a bone mme boemong jwa moo, ba bo ba ikanya lenaneo la Ipelegeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MAPOKA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 May 2019