Badirelapuso ba gakololwa go isa ditirelo kwa bathong
12 May 2019
Badirelapuso ba gakolotswe go netefatsa gore setshaba, bogolo jang batho ba ba kgakala le ditlamelo, ba etelwa kgapetsa.
Se se builwe ke mokwaledi wa khansele ya Borwa, Rre Charles Amos, kwa tirelong ya go isa ditlamelo kwa banning ba Mabule.
O kopile maphata go netefatsa gore ba nna ba etela metse e e kgakala le ditlamelo go thusa setshaba.
O kaile fa puso e ikaeletse go bona Batswana ba thusiwa sentle, ka jalo go isa ditlamelo go tlaa thusa ba ba ntseng ba na le dingongora mme ba sa kgone go thusiwa ka ba le kgakala le ditlamelo.
Rre Amos o kaile fa a itse fa go na le dikgwetlho tse di kgoreletseng badirelapuso go thusa ka botswerere mme a tlhalosa fa go tsaya boikarabelo go le botlhokwa go re ba ba thusiwang ba itumele.
O gakolotse badirelapuso go re ba nne sekao ebile ba tlhomamise fa ba thusa setshaba ka monyenyo le go nna le botsalano jo bo ka itumedisang ba ba thusiwang.
Kgosi Morota Tiro wa Mabule o galaleditse maphata otlhe a a neng a tsere karolo, mme a kopa setshaba go dirisa sebaka seo go bona thuso.
O kopile badirelapuso go nna ba kopa bogakolodi kwa bogosing ka e le jone bo leng gaufi thata le batho.
A re botlhokwa gore maranyane a ditlhaeletsanyo le one a dirisiwe go isa ditlamelo kwa setshabeng.
Kgosi Tiro a re o tlaa ntsha pego ya go re setshaba se thusitswe jang morago ga tiro ya go isa ditlamelo kwa bathong e wela.
O tlhalositse fa a eletsa gore bodiredi bo seka jwa tsaya nako e telele go isa ditlamelo kwa metseng e kgakala jaaka Mabule. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : MABULE
Event : Phuthego
Date : 12 May 2019