Breaking News

Khamphane e aba diaparo

12 May 2019

Khamphane ya metsi ya Water Utilities Cooperation (WUC) e abetse banni bangwe ba Mochudi diaparo.

Fa a aba diaparo tseo bosheng, mogolwane wa lephata la metsi,, Mme Yvonne Mothupi o boletse fa ba bone go tshwanela go thusa ba ba kobo dikhutshwane ka diaparo ka gore di fa motho seriti.

Gape di sireletsa mmele mo diemong tsa loapi tse di sa iketlang jaaka serame le mogote.

Mme Mothupi a re go thusa botlhoki ke tokafatso matshelo ka le bone ba kgona go ikemela ba sa boife go gatakiwa ke ba bangwe ka ntlha ya se ba se apereng.

A re go molemo a re khamphane e na le thulagannyo ya go thusa setshaba ntle le dithuso tse ba di solofetseng ka go aga tirisano mmogo e e ka se nyeletsweng ke sepe.

Mme Mothupi a re ba badiri ba ne ba dumalana go tla ka diaparo tsotlhe tse ba sa tlholeng ba di dirisa mme di santse di na le boleng.

A re se, e ne ya nna tshimologo ya tse di molemo ka ba ne ba gasa molaetsa le mo setshabeng ka go baya bokoso kwa diofising tsa bone mme morafe wa ba tswa thuso.

O lebogetse tirisano mmogo le lephata la boipelego ka le ne la ba amogela mme ba dirisana le bone sentle.

Mme Mothupi a re ba dumalane ka bonngwefela jwa pelo gore kabo diaparo tse, e nne ya sennela ruri ka e supile fa e tlhokafala  thata.

O akgoletse badiri ka ene tirisano mmogo e ba nnileng le yone mo tirong e, a tlatsa ka gore ba tswelele ka go thusa morafe wa Bakgatla ka lerato.

Mothusa molaodi kwa Kgatleng, Mme Tshepiso Ditsile, o lebogetse khamphane ya metsi go bo e abetse ba ba kobo dikhutshwane.

A re go dira jalo go supa lerato mo go ba ba abelwang, mme ebile go ba fa tshepo gore le bone ba itse fa ba gopolwa ka nako tsotlhe.

Mme Ditsile o kopile ba ba amogetseng dimpho go di tlhokomela.

Kgosi Bana Sekai ene o ne a bolela fa Modimo a tlaa segofatsa badiredi ba khamphane ya metsi go bo ba gopotse Bakgatla.

A re go molemo go abela ba ba sa atlegang mo botshelong ka e le tshegofatso ya Modimo go dira jalo, a tlatsa ka gore ba ba abetsweng ba segofetse go feta. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MOCHUDI

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 12 May 2019