Breaking News

Bopelotelele konokono mo tsamaisong ya kgwebo

12 May 2019

Dikgwebo dingwe tse ditlhamilweng ka mananeo a puso a itshetso di santse di itshetletse le ntswa go na le selelo sa gore dingwe di  a phutlhama.

Bangwe ba santse ba sa ipone go wa le go tsoga le dikgwebo tsa bone gore matshelo a tokafale.

Rre Wonder Meshack wa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi wa Moroka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ke mongwe wa ba ba itumileng molomo wa tlase go ikemela ka dinao.

O ne a tsamaisiwa tshipidi ke puso ka ngwaga wa 2001 mme o santse a itsetsepetse ka kgwebo ya gagwe ya go foroma le go rekisa ditena.

Mo potsolotsong, Rre Meshack o boletse fa a thusiwe ka P50 000 ke puso ka lenaneo le le sa tlholeng le le teng la FAP ka ngwaga wa 2001.

A re dingwe tsa dikgwetlho tse di mo jesetsang mo kgobedung ke go tlhaela le boturu jwa tiriso ya metse le dingwe tse di tlhokafalang gore motho a di diragatse go nna le teseletso ya go epa motlhaba.

Rre Meshack o ne a supa gape fa motshine o o dubang semente, o a neng a o rekelwa ka lenaneo leo, o senyegile mme mo nakong eno ba tshwaragane le namane e tona ya tiro ka jaana ba dira ka diatla, a tlatsa ka gore o ne a tswa gape ka leano la go ga metsi kwa nokeng gore kgwebo ya gagwe e seka ya ema.

A re le fa a kopane le dikgwetlho tseo mo kgwebong ya gagwe, fela o ikemiseditse go wa a tsoga le yone, ka jaana e mo tlodisitse melatswana.

A re kgwebo e mo thusitse go ikagela ntlo e bile e thusa lelwapa la gagwe go oba matsogo.

Rre Meshack o boletse fa ka dingwaga tsa bo 2001, phadisanyo mo kgwebong ya ditena e ne e se kalokalo mme ka go tlhatlologana ga dingwaga, go setse go na phadisanyo e e  mashetla, ka ntlha ya go runya ga dikgwebo tsa mohuta oo mo motseng wa Moroka le mo mafelong a a mabapi.

A re o itumelela go bo bareki ba ditena tsa gagwe ba supa fa ba itumelela boleng jwa tsone, a tlhalosa fa bareki batsone bangwe ba tswa kwa kwa ntle ga motse wa Moroka.

Rre Meshack, wa madirelo a a itsegeng thata ka leina la Super Carpentry and brick concrete o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e thapile Batswana ba le boferabobedi, a supa fa kgwebo e, fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e tlhoka bopelotelele, boineelo le go dirisa madi ka kelelelo.

Mme Badzili Baliki wa Mapoka ke mongwe wa ba ba neng ba thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2013, go inaakanya le kgwebo ya kapei ya borotho mme le jaanong jaana o itshwareletse ka yone.

O ne a bua a sa kgale mathe ka fa lenaneo leo le mo thusitseng ka teng, a supa fa e bile a nnile lesego ka jaana a filwe thendara ya go apeela sekolo se se botlana sa motse wa borotho.

Le ene fela jalo o ne a supa fa bopelotelele e le jone bo mo thusitseng gore a bo a santse a goga a le mo kgwebong ya gagwe, ka jaana a sanke a letlelela dikgwetlho go mo nyemisa moko ka gope.

Mme Baliki a re o itlamile ka gotlhe go tswelela ka kgwebo ya gagwe go ya go ileng le go e godisa fa go tlhokafalang teng, ka a tsene mo go yone ka maikaelelo a go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MOROKA

Event : Potsolotso

Date : 12 May 2019