Breaking News

Basekisiwa ga ba ipone molato

12 May 2019

Borre ba le bararo ba boleletse lekgotla la ga mmakasetarata kwa Jwaneng gore ga ba ipone molato o ba o lebisitsweng wa bogodu jwa leruo.

Ontlametse Kelailwe wa dingwaga tse di masome a matlhano le bone, Keabetswe Morongwana wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa ba kgotla ya Molongwa kwa Khakhea le Onalenna Ditlhare wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano wa kgotla ya Ngologa kwa Werda ba lebisitswe molato o le mongwe wa bogodu jwa leruo.

Go tlhalositswe fa erile kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le mane ka ngwaga wa 2015 basekisiwa ba dirisanya go utswela Rre Gerharous Meyer dikgomo di le lesome le bone tse di ka lopang P43 000 kwa polaseng ya Raiders kwa kgaolong ya Borwa.

Mmueledi wa basekisiwa, Rre Sylvester Mokwaise, o ne a kopa lekgotla gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle ga kgolegelo, a tlhalosa fa ba tlaa sala morago ditsetlana tsotlhe tse di tlaa bewang ke lekgotla.

O ne gape a kopa gore go bewe malatsi a a gaufi a tsheko ka jaana kgang eo e le ya bogologolo.

Ba bosekise ba supile fa ba tlaa bitsa basupi ba le batlhano mo kgannyeng eo.

Mmakaseterata, Rre Odirile Mokgatle, o ne a tlhalosa fa tsheko e tlaa tsena kgwedi ya Lwetse e le lesome le borataro le lesome le bosupa, mme a laela basekisiwa go tla go itshupa fa pele ga lekgotla kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro go rurifatsa malatsi a tsheko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Tsheko

Date : 12 May 2019