Majalwa a apewang mo malwapeng a tshwenya
09 May 2019
Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Woodhall mo Lobatse a re ba tshwenngwa ke dikopo tse dintsi tsa go rekisa majalwa a a apewang mo malwapeng.
Kgosi Itumeleng o ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya bogogi jwa kgaolo eo bosheng.
O tlhalositse gore ba tsere tshwetso ya nakwana ya go emisa go fa diteseletso tsa go rekisa majalwa a a apewang mo malwapeng, a a akaretsang bojalwa jwa Setswana, khadi le setopoti morago ga go amogela dikopo tse dintsi le ntswa marekisetso a bojalwa a tletsetletse mo kgaolwaneng eo.
A re mapodisi gape ba lemogile gore bagwebi bangwe ba majalwa a a apewang mo malwapeng ba dirisa diteseletso tse di setseng di fedile, mme ba sa di shafatse.
A re gape ba lemogile gore bangwe ba tsaya diteseletso, mme go tswa foo ba apee majalwa a a seng ka fa molaong, gape ba sa obamele le dinako tsa go rekisa.
O tsweletse a tlhalosa gore ba lemogile gore dipoto di leswafatsa tikologo, le gone gore di rotloetsa tlolo molao, go akaretsa tiriso ya matlhapa.
Kgosi Itumeleng o tlhalositse gore bagwebi ba majalwa a mo malwapeng ba tshwanetse go nna le fa ba apeelang bojalwa teng, e seng gore bo nne fa bana ba robalang teng.
Mothusa ramapodisi a Woodhall, Assistant Superintendent Zane Mapini, a re ba tshwaragane le namane e tona ya melato ya go golafatsana mo go dirwang kwa dipotong masigo.
Rre Mapini a re bothata jo bongwe ke medumo, mme borukutlhi le jone bo golela pele.
A re gongwe dilelo di ka fokotsega fa majalwa a a rekisiwang mo malwapeng a ka emisiwa.
Rre Masego Kantini, yo e leng ralekgotla ene o supile gore ope fela yo o sa diriseng teseletso ya gagwe sentle o tlaa tseelwa kgato.
A re diteseletso tsa bone ga di a tshwanela go shafadiwa di feletse ruri.
O kopile gore boralekgotla ba fiwe dithata tsa go kgalema botlhoka tsebe.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boswelatlou, Rre Themba Setimela o ne a lebogela kgosi go bitsa bokopano jo, go bua ka tse di ba tshwenyang, a tlatsa ka go re go botlhokwa go kopana go buisanngwa ka tse ba di itemogelang e le bogogi le morafe ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 09 May 2019