Breaking News

Bakgatla ba na le boikarabelo

09 May 2019

Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole o akgoletse Bakgatla go bo ba ikwadiseditse ditlhopho.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mopalamente Mangole o tlhaloseditse Bakgatla fa ba dirile go gaisa ka 2014.

A re Kgatleng e ne e le mo maemong a bobedi mo ikwadisong ya bobedi, mme o dumela fa ya boraro e sa tswa go fela Bakgatla ba santse ba tshegeditse maemo ao.

Rre Mangole o tlhaloseditse setshaba fa go ikwadisetsa ditlhopho go le botlhokwa, ka go fa setshaba sebaka sa go itlhophela yo e ka nnang mmueledi wa bone kwa palamente le mo gae.

A re go nna Mopalamente ke go nna mmueledi wa setshaba, e seng go nna morongwa, a tlatsa ka go re morongwa o isa thomo, mme tshwetso e tsewa ke yo a mo rumileng, fa mmueledi e le yo o isang thomo mme a kgona go tsaya tshwetso a bo a tlhalosa kwa morago gore ka goreng a tsere tshwetso eo.

Mopalamente Mangole a re go gontsi mo setshaba se ka go ithutang ka ikwadisetso ditlhopho, mme o lebogela gore Bakgatla ba supile boikarabelo ka bokamoso jwa bone.

O ba rotloeditse gore fa kgwedi ya ditlhopho e goroga, ba ikatametse kwa matlhophelong ka nako, gore ba tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo tse ba ikwadisitseng ka tsone.

Fa a tswelela ka tse dingwe, Rre Mangole o tlhalositse fa ba tsere tshwetso ya go aga leobo la Mochudi, ka ke lone pinagare ya kgaolo ya Kgatleng, mme go utlwisa botlhoko go amogela baeng mo ditanteng.

A re ba kopane le makhanselara le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse gore bontlha bongwe jwa madi a dikgaolo tsa botlhophi a thuse mo go ageng leobo la kgotla.

O kopile tshwaragano mo kagong ya leobo, a tlatsa ka go re go amogana madi a dikgaolo ka dikgaolo tsotlhe tsa botlhophi, go dira gore ditlhabololo di nne bonya, mme ba dumalane go a dirisa mo tirong e tona gore go nne le maduo.

A re dikgaolo tse dingwe tsa botlhophi di setse di tlhabologile, mme a kopa gore mabala a motse a tlhabololwe, a godisiwe a kgone go tsisa ditlhabololo mo kgaolong.

Kgosi Bana Sekai o lebogile Mopalamente ka kgang ya leobo ka le ene a tshwenyegile mo moweng.

A re bangwe ba bua dipuo tse dintsi, mme fa go ka tlogelwa dipuo tseo ga agwa leobo di tlaa tla di rarabololwa mo leobong.

Kgosi Sekai a re go tlhoka leobo ga go fe bogosi gammogo le morafe seriti, ka ga go na fa go kopanelwang teng go buiwa tsa motse.

Fa a latlhela la gagwe, Rre Moilwe Tlhase o tlhalositse fa a lebogela mafoko a kgotla mme e bile a gatelela gore a kgotla e agwe.

A re kgotla ke yone palamente ya motse, ditshwetso tsotlhe di tsewa kwa go yone le megopolo yotlhe e agelwa teng mme e tshwanetse go nna le seriti.

Rre Luka Lekorwe o kopile gore mephato e kopane ka go tlhatlologana ga yone, ba thuse go kokoanya madi a leobo ka le le botlhokwa.

O rotloeditse setshaba go thusa ka se ba se kgonang ba sa lebe dikgwetlho tsa bone ka tsone ga di ke di fela mme botshelo bo tswelela pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 09 May 2019