Kgokgontsho mo tirong e ama maduo
08 May 2019
Mothusa tautona Rre Slumber Tsogwane a re puso e tshwenngwa ke dipego tsa dititeo le go tlhapadiwa ga badiri ba botsogo.
Fa a bua kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa lekgotla la baoki kwa Palapye ka Mosupologo, Rre Tsogwane o ne a re fa seemo se se ka seka sa tsibogelwa, se ka ama maduo mo tirong.
“Ka jalo, puso e itlama go netefatsa pabalesego ya badiri mo tirong le ditshwanelo tsa bone.”
O ne a tlatsa ka go re setshaba se tshwanetse go itse gore tshwanelo ya sone ya go bona ditirelo tsa botsogo e tlhokana le boikarabelo jwa sone jwa gore badiri ba botsogo ba sireletsegile.
Mothusa tautona a re baoki ba botlhokwa ka ba na le seabe se segolo mo go ageng Botswana ka tokafatso maduo e tlhokana le tshaba e e itekanetseng.
A re thuso e e fiwang kwa dikokelong ke yone mmammang mme sebe sa phiri ke tlhaelo ya babelegisi.
Se se dira gore mooki a le esi a thuse palo e e fetang e e beilweng mme pheletsong se se isa tlase boleng jwa ditirelo.
O tladitse ka go re dipuisanyo tse di tsweletseng gareng ga lekgotla la baoki le lephata la botsogo le boitekanelo di solofetswe go ntsha ditharabololo tsa mathata.
O tlhalositse fa lekgotla la baoki le lephata la botsogo le boitekanelo ba tshwaraganetse tiro ya go nonotsha baoki gore ba itepatepanye le dikgwetlho tsa segompieno, maikaelelo e le go isa godimo serodumo sa booki.
Rre Tsogwane a re puso e solofeditse le go itlama go tsweledisa dipuisanyo le lekgotla la baoki le makgotla a mangwe a babereki.
“Re tsaya makalana a babereki le babereki e le ba re tshwaraganeng le bone go isa seelo sa Botswana sa go ntsha maduo le go iteisana borathana fa godingwana,” a tlatsa.
Bokopano jo, bo ne bo tshegeditswe ka fa tlase ga setlhogo se se kayang kgokgontsho mo tirong e le kgwetlho fa go lebilwe tshireletsego le botsogo jwa baoki gore ba kgone go ntsha maduo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : PALAPYE
Event : Bokopano jwa baoki
Date : 08 May 2019