USAID SADC ba tsibogela seemo sa metsi
08 May 2019
USAID e itshwaragantse le SADC mo lenaneong la dingwaga tse tlhano go itebaganya le letlhoko la metsi mo merafeng e e mo tikologong ya dinoka tsa Limpopo le Okavango.
Moitseanape wa ditirelo tsa metsi mo borwa jwa Afrika, Mme Jeanette Normand o buile jaana mo thuto-puisanyong le babega dikgang kwa Kasane bosheng.
O tlhalositse fa batho ba ba nnang mo borwa jwa Afrika ba lebanwe ke dikgwetlho tsa tlhaelo ya metsi, koketsego ya merwalela le kwelo tlase ya thobo.
Tirisanyo mmogo ya mafatshe le tiriso e e bonolo ya meamuso ya dinoka e botlhokwa mo go babaleleng tikologo le di-tsa tlholego go tokafatsa matshelo a batho, Mme Normand a tlhalosa.
A re USAID e na le lenaneo le le ikaeletseng gore merafe e e mo borwa jwa Afrika e nne le sebaka sa go akola metsi a a phepa go ka nowa le kgopho ya metsi a a leswe e e babalesegileng.
A re lenaneo le le itebagantse thata le batho ba ba nnang mo tikologong ya noka ya Limpopo e e leng boagedi jwa batho ba le dikete di le lesome le borobabobedi ba ba fitlhelwang mo mafelong mangwe mo borwa jwa Afrika ebong Botswana, Mozambique le Zimbabwe fa ba ba nnang mo tikolong ya noka ya Okavango bone ba ka tshwara sekete mme ba le kwa Angola, Botswana le Namibia.
Go fitlhelela maikemisetso a lenaneo le, Mme Normand o tshwaetse fa USAID e tlaa tshwaragana le makalana a mangwe a a mo kgaolong ya borwa jwa Afrika a tshwana le a a itebagantseng le mafelo a a mo tikologong ya dinoka le la Transfrontier Conservation Areas.
A re go botlhokwa gore bobega dikgang bo nne le seabe mo go phatlalatseng melaetsa e e amang seemo sa metsi mo kgaolong e.
A re lenaneo le le maleba ka jaana lefelo le le sireleditsweng la Kavango-Zambezi le lebanwe ke kgwetlho ya go tlamela dipalo tse di golang tsa batho le diphologolo tsa naga, thata ditlou.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa Kavango-Zambezi Trans-frontier Conservation Area (KAZA-TFCA), Dr Nyambe Nyambe a re lenaneo le le tlhamaletse e bile le tshwanetse go amana le tsamaiso ya diphologolo tsa naga le ya metsi.
O tlhalositse fa bontsi jwa ditlou bo fitlhelwa mo mafatsheng a a mo KAZA mme a lebanwe ke kgwetlho ya ditlamorago tsa dipalo tsa ditlou tse di kwa godimo.
O tlhalositse fa KAZA-TFCA e le legae la bontsi jwa matlhalerwa a a fitlhelwang mo Afrika, a tlatsa ka go re kgaolo e ke yone e bontsi jwa ditlou bo fitlhelwang mo go yone fa Botswana e le ene a di gogang kwa pele ka dipalo tse di tsamayang kwa go 130 000 fa mafatshe a a mabapi le one a na le dipalo tse di kwa godimo mme se se tsala kgotlhang magareng ga batho le diphologolo tsa naga.
KAZA, a re ke lefelo le le ditiriso dintsi, ka jalo go tlhokana le tirisanyo mmogo ya mafatshe.
A re bokopano jo ke maiteko a tswelelopele mo go ageng itsholelo e e ikaegileng ka meamuso ya tlholego.
Dr Nyambe o garetse ka mathata a KAZA-TFCA e lebaganeng le one a akaretsa go nyelela ga masika mangwe a diphologolo le dimela, kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo tsa naga, go kgotlhelesega ga metsi , bogodu jwa diphologolo tsa naga, lehuma le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KASANE
Event : Elephant summit
Date : 08 May 2019