Setshaba se na le seabe mo go lwantsheng HIVAIDS
07 May 2019
Molomaganya ditiro mo lekalaneng la National AIDS and Health Promotion Agency (NAHPA), Rre Richard Matlhare a re seabe sa setshaba mo twantshong ya mogare le bolwetse jwa segajaja ke se segolo. Fa a bua kwa thuto-puisanyong ya malatsi a mararo bosheng, Rre Matlhare a re puso e lebogela tiro e setshaba se e dirang le go itlama go nna le seabe mo nyeletsong ya bolwetse jwa segajaja ka ngwaga wa 2030. A re NAHPA e tlhokana le go tshwaragana le setshaba go lwantsha bolwetse jo le go netefatsa fa bo laolesega.
Rre Matlhare o gateletse botlhokwa jwa setshaba se se itsetsepetseng se na le tomagano se lebetse pele jaaka e le tumalano ya National Strategic Framework for HIV. A re Botswana ke lefatshe la itsholelo e e fa gare mme le phatlalaleetswe ke makalana a a neng a thusa ka madi, ka jalo la tshwanelwa ke go ikisa moriting. Ka jalo, Rre Matlhare o rotloeditse setshaba go lomagana le puso go tsweledisa twantsho ya HIV/AIDS. A re Batswana ba santse ba tlhoka dithuso tsa madi go tswelela ba di goga kwa pele mo go lwantsheng bolwetse jo.
Fa a ntsha mafoko a kamogelo, mookamedi wa Peace Corps Botswana, Mme Elizabeth O’Malley a re maikaelelo a thuto-puisanyo e ne e le go rutuntsha baithuti le go ba kgothatsa gore ba thuse makalana a bone a tswelele a na le seabe go atolosa ditirelo, go isa ditirelo ka nako gore e re ka 2023 e bo seru se sa HIV/AIDS se laolesega mme e re ka 2030 e bo AIDS e fetogile leinane.
Mme O’ Malley a re lenaneo le le na le maikemisetso a le mabedi ebong go tokafatsa le go atolosa makalana a a tsamaisiwang ke setshaba le gone go isa thuto kwa Batswaneng go simolodisa dithuto tse kwa malwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Thuto-puisanyong
Date : 07 May 2019