Billy o rotloetsa banana go tsena diphuthego tsa kgotla
07 May 2019
Mopalamente wa Francistown Botlhaba, Rre Buti Billy a re go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla ga banana go ba baya ka fa mosing ka jaana ba tlolwa ke melaetsa ya botlhokwa ya mananeo a a ka ba tswelang mosola.
Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Area S, Rre Billy o gateletse botlhokwa jwa gore banana ba dirise mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone.
A re mananeo a a akaretsa letlole la tlhabololo dikgwebo tsa banana le la dikoporase.
A re puso e simolodisitse mananeo a ka gore go nonotsha bananana go na le seabe mo kgolong ya itsholelo. Rre Billy a re banana ke bone ba ba di gogang kwa tlhogong mo kgodisong ya itsholelo, ka jalo fa ba sa tsee karolo go raya gore itsholelo ga e tokafale.
O bile a lekodisa batsena phuthego ka lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le le akaretsang go ntsha Botswana mo go ikaegeng ka meamuso go itsetsepela mo go tsa dikitso.
Rre Billy a re se se raya gore batho jaanong ba tlaa nonotshiwa ka dikitso gore ba nne le seabe mo kgolong ya itsholelo, ka jalo se se tlhame mebereko.
A re keletso ya ga tautona ke go bona banana ba ba nang le boikarabelo jwa go tsamaisa dikgwebo, segolo jang banana.
Ke ka moo go nang le ditaelo di le mmalwanyana go tswa ofising ya ga Tautona tse di itebagantseng le thotloetso ya dikgwebo tsa banana.
E re dikgang di eme jalo, ofisi ya banana ya kgaolo ya Francistown e kwadisitse dipalo tse di kwa godimo tsa go tlhoka go ya tirong ga banana ba Tirelo Setshaba.
Mogokaganyi wa ditirelo tsa banana mo kgaolong Mme Minkie Bokole o boleletse phuthego a re se ga se ba jese diwelang le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao.
A re banana ka bontsi ba ba direlang mo kgaolong ya gagwe ga ba dire go ya ka tumalano.
Mme Bokole a re banana ka bontsi ba tla fela go tsaya mokwalo o o rurifatsang fa ba dira gore ba kgone go bona dikatso mme e re morago ba tsene ka lenga la seloko go fithelela ba iponagatsa gape kwa ba direlang teng kgwedi e e latelang.
Le fa go ntse jalo, a re go sa tleng sentle tirong ga bone go dirwa ke mabaka a le mmalwa a a amang itsholelo ya bone ka bangwe ba nna kgakala.
A re kgaolo ya Francistown e filwe seelo sa 760, fa ba ba letileng go bidiwa ba le 1 700, a tlatsa ka go re ba setse ba tsere banana ba le 652.
O tladitse ka go re banana ka bontsi ba ba amuleng sengwe mo mananeong a puso ga ba duele madi a kadimo.
Mme Bokole o tlhalositse fa banana ba ipetola mme a re se se dirwa ke gore batsadi ka bontsi ga ba godise bana sentle.
O ngongoregetse gore banana ga ba na kgatlhego mo go ikopeleng diphatlha kwa sekoleng sa Francistown sa ithutelo ditiro tsa diatla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : BOPA
Date : 07 May 2019