Breaking News

Babelegisi ba a ipela

07 May 2019

Mongwe wa mabutswapele a baoki ba lefatshe leno yo e bileng e ne e le mmelegisi, Mme Kesentseng Kebabonye o kaile fa tiro ya go belegisa e le botlhkwa mo matshelong a batho.

O kaile jalo bosheng kwa Sefhare mo Tswapong ka letsatsi la go ipelela babelegisi le le neng rulagantswe ke ba Sefhare Primary Hospital (SPH) mme le ketekwa lefatshe ka bophara.Letsatsi le, e ne e le la ntlha le ipelelwa mo lefatsheng leno, ka jalo Mme Kebabonye yo o tlogetseng tiro ka bogodi o ne a akgolela ba SPH go bo ba ne ba tsaya tshwetso e e maleba ya go ipelela letsatsi le.    

A re le mo Baebeleng mo lekwalong la Exodo wa ntlha kgaolo ya lesome le borataro go supagala fa Kgosi wa Egepeto e bong Pharo a ne a bua le babelegisi gore e re fa ba tsweletse le tiro ya bone ya go belegisa ba bolae bana ba Iseraele ba basimane mme ba tlogele ba basetsana.

 A re babelegisi ba ne ba boifa go dira jalo mme ba letla bana ba basimane go tshela.

O ne a tlhalosa fa babelegisi e le bone ba gorosang ngwana fa a tsholwa mo lefatsheng e bile ba itumelela gore o a tshela, ka jalo e ka seke e nne bone gape ba ba mmolayang. Mme Kebabonye a re babelegisi ba botlhokwa ka e le bone ba tlhokomelang botsogo jwa lesea le le iseng le tsholwe le mmaalone.

 A re ke bone gape ba e reng mme yo o itsholofetseng a akanya gore leseanyana le a le imileng ga le mo seemong se se siameng ba bo ba mo netefaletsa gore a le tsogile kgotsa ga le a tsoga.

Mme Kebabonye a re keletso e tona ya babelegisi ke go gorosa ngwana mo lefatsheng a tshela e bile a itekanetse mme seo ga se kgonagale ka go na le dikgoreletsi tse di dirang gore ba seka ba fitlhelela maitlamo ao.

O boletse fa dikgoreletsi dingwe di dirwa ke bomme bangwe ba ba itsholofetseng di tshwana le go ima ba  sa ipaaknyetsa go ima, go tlhoka go sala ditaelo tsa ba bongaka morago le go tlhoka go ikwadisa ka nako.

A re go na le dilo dingwe tse di diragalang ka nako ya mme a imile mme di ka seke tsa laolesega e bile di kgoreletsa pelegi. A re moimana ga a a tshwanela go lwala, ka jalo baimana ba tshwanetse ba tsee boimana ka tlhoafalo gore ba tile malwetse a a ka gapang botshelo.

O ne a rotloetsa baimana go ikwadisa ka nako ka go na le tse di dirwang gore go thibelwe tsotlhe tse di ka kgoreletsang boimana.

Mme Kebabonye o ne a rotloetsa babelegisi go dira ka natla le go ineela mo tirong ya bone ka e le botlhokwa e bile e le bone ba sireletsang botshelo jwa mmangwana le lesea. Mme Segopodiso Khumo yo le ene e leng mmelegisi a re go na le malwetse a le mararo a a kgonang go gapa botshelo jwa bomme ba ba belegang.

A re bolwetse jwa go senyegelwa ke boimana bo atile le bolwetse jwa madi a a kwa godimo a a gananang le go laolesega le go tshologa madi a mantsi ka nako ya pelegi. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEFHARE

Event : letsatsi la go ipelela babelegisi

Date : 07 May 2019