Moletlo wa Kwa Chomeleng o tsamaile ka thelelo
06 May 2019
Kwa Chomeleng Cultural Festival e e neng e tshwaretswe kwa Anne Adams Park kwa Selebi Phikwe ka Matlhatso, e ne e ngokile badiragatsi ba mmino ka go farologana.
Culture Spears, Ramozara, Tumza Kala tsa Kgale le Diwetse Cultural Group ke bangwe ba ba neng ba diragatsa kwa moletlong o o neng o tshwerwe ka setlhogo se se reng, Tshomarelo Ngwao e ka Thusa go Kabakanya Itsholelo.
Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa a re ngogola banana ba Selebi Phikwe ba eteletswe pele ke Rre Tshepho Tsela ba ne ba supa fa ba na le keletso ya go dira moletlo o o tlaa supang talente ya banana ba toropo eo.
Mogopolo a re o ne a o rata ka go ne go itshupa fa banana ba na le keletso ya go bona toropo ya bone e thantse.
O solofeditse kemonokeng ya boeteledipele jwa toropo ka moletlo o, e le tsela nngwe ya go tsosolosa itsholelo.
Mokwaledi wa pele wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Godimo Garegope yo e neng e le ene sebui sa letsatsi o ne a supa fa Kwa Chomeleng e simologile ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, mme keletso e le go bona moletlo o gola go ngoka bagwebi ba tshwana le badiragatsi ba ditshwantsho tsa motshikinyego.
Rre Garegope a re se se ka dira gore bagwebi ba babotlana le bone badiragatsi ba bone letseno le le ka tlhabololang matshelo a bone mme letlhoko la ditiro le fokotsege.
Rre Tshepho Tsela yo e leng ene a eteletseng pele komiti ya Kwa Chomeleng, o supile fa go ne go se motlhofo natateng ya letlhoko la madi ka ba ise ba bone barotloetsi mme a kopa dikhamphani le batho ka go farologana go ba tswa thuso.
Maikaelelo a re ke gore Kwa Chomeleng e tshwarwe ngwaga le ngwaga ka e setse e le mo ngwageng wa bobedi. Moletlo o ne wa simolola ka mmopelela wa batho ba apere kapari ya Setswana le dikoloi go ralala toropo.
O ne o kgaogantswe ka dikarolo di le pedi, karolo ya ntlha e ne e le ya mmino wa ngwao o o sa tswakanngwang ka diletswa tsa segompieno jaaka borankana, tiriso ya marapo le poko.
Karolo ya bobedi e ne e akaretsa mmino wa setso o o tswakantsweng ka diletswa tsa segompieno o o neng o supa bothakga jwa setlhopha sa Culture Spears le Ramozara.
Bagwebi ba ba botlana le bone ga ba a tswa fela ka lesapo la moro ka ba nnile le sebaka sa go rekisa le go bapatsa dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo wa Kwa Chomeleng
Date : 06 May 2019




