Tona o kopa banni go itshekatsheka
06 May 2019
Tona wa banana, metshameko le ngwao, Rre Tshekedi Khama o kopile banni ba Malatswai go sekaseka ka fa ba tshelang ka teng.
O buile jaana fa a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng.
Mopalamente o ne a ba kopa go leka go itlhamela ditiro ka puso e ka seke e kgone go ba thapa botlhe.
O ba kopile go tla ka maano a go itshetsa ntleng le go thapiwa mo Ipelegeng, mme a kopa banana go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela batsadi.
O ne a ba lekodisa gore o tlaa kopa gore maphata otlhe a a thusang banana a neelwe madi gore ba kgone go ba thusa go itlhamela ditiro le go thapa ba bangwe.
Mopalamente o ne a ba kopa go tsena mo dikgwebong di tshwana le tsa thuo ya diphologolo tsa naga, le go sekaseka gore ba ka dira eng mo lefelong la Malatswai Trust.
A re go rua diphologolo mo lefelong leo go ka ba tlhamela ditiro le go tlhabolola motse.
Rre Khama o kopile khansele go rurifatsa gore fa ba dira ditshekatsheko mo kgaolong ba lebelela ditiro tse di botlhokwa mo matshelong a batho.
A re o lemogile gore dikole ka bontsi ga di mo diemong tse dintle.
Fa a lekodisa mopalamente, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Malatswai, Rre Tumelo Mpateng o ne a kopa gore ba tshelelwe sekontere mo tseleng e e gokaganyang motse wa bone le tsela e tona e e yang Orapa, le gore ba baakanyediwe ntlo e e tshegetsang badira molato mo kgotleng.
Rre Mpateng a re ba lebogela go bo ba hiretswe barutabana ba sennela ruri kwa sekoleng se sebotlana.
A re seo se tlaa tokafatsa maduo.
A re ba lebogela go bo le bone ba neetswe moithaopi wa Peace Corp e le la ntlha mo ditsong.
Mongwe wa ba neng ba tsene phuthego eo, Rre Bernard Kenosi o ne a lebogela mogopolo wa go rua diphologolo ka go ka ba thusa go tlhama ditiro le go tlhabolola motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : MALATSWAI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2019