Breaking News

Mokhanselara wa pele o bolokilwe

06 May 2019

Mokhanselara wa pele wa Magotlhwane/Kgomokasitwa wa phathi ya BDP, Rre Norman Lekoba yo gape e neng e le modulasetilo wa phathi eo mo Kanye Bokone o bolokilwe ka Matlhatso kwa Kgomokasitwa.

Rre Lekoba o tlhokafala a le dingwaga di masome a marataro le bosupa morago ga go lwala ka lobaka.

Fa a bua kwa phitlhong, tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo e bile e le mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia o tlhalositse fa Rre Lekoba e ne e le motho yo o tlhaga e bile a nonofile mo ditirong tsa phathi.

A re ka ntlha ya nonofo ya ga Rre Lekoba phathi ya BDP ene ya kgona go tsaya kgaolo ya Kanye Bokone mo diatleng tsa kganetso.

Rre Ralotsia a re morago ga gore BDP e tsee kgaolo eo mo diatleng tsa kganetso e ne jaanong ya e rua, a gatelela ka go re ga go na ka fa e ka tlholang e boela ka teng mo diatleng tsa kganetso.

Rre Ralotsia a re le mo ngwageng ono BDP e tsile go tsamaya fela ka thelelo mo Kanye Bokone ka jaana maDomkrag ba  boloditse letsholo gore batlhophi ba tlhophe Domkrag ka e le yone phathi e le nosi e  Batswana ba ka salang motlhala wa yone morago.

Mo go tse dingwe tona o tlhalositse gore ka jaana ngwaga ono go supega e le wa leuba, puso e fokoditse ditlhwatlhwa tsa dijo tsa loruo ka masome a mabedi le botlhano mo lekgolong go tswa Moranang a tlhola letsatsi go fitlhelela Seetebosigo a ya fifing.

Mokwaledi mogolo wa BDP, Rre Mpho Balopi o tlhalositse fa Rre Lekoba a ne a inaakanya le tsa sepolotiki ka 2001 a sena go tlogela tiro ya bodirelapuso.

A re o ne a kgatlhegela sepolotiki ka jaana a ne a santse a na le kgatlhego ya go direla tshaba ya gagabo.

Rre Balopi a re Rre Lekoba o ne a emela ditlhopho tsa khansele ka 2004 ka fa tlase ga phathi ya Domkrag mme a di fenya, seo e le go supa botlhaga le bonatla jwa gagwe.

O tsweletse a tlhalosa fa a ne a nna mokhanselara wa Magotlhwane/Kgomokasitwa go fitlhelela ka 2014.

A re Rre Lekoba e ne e le motho yo nako e ntsi a neng a e dirisa go direla setshaba go na le lelapa la gagwe.

Dibui ka go farologana ba boletse fa Moswi Lekoba e ne e le motho yo o lerato, boineelo, a rata kgwebo gape e le leloko la motia la kereke ya Roma e go tlhalositsweng fa e ne e le mongwe wa bagolwane ba yone kwa Kgomokasitwa.

Moswi Lekoba o dirile dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekolong se sebotlana sa Digawana, a ya go tsweledisa tse dikgolwane kwa Lobatse Secondary School, mme morago a thapiwa ke ba sepodisi sa Botswana ka 1973, a simolola fela ka maemo a Constable, a nna a tlhatlosiwa maemo gofitlhelela ka maemo a mogolwane a Assistant Superintendent a a tlogetseng tiro a a tshegeditse.

Moswi o tlogela mosadi le bana basupa, borre ba bararo le bomme ba bane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Phitlho

Date : 06 May 2019