Tsogwane o tlhaloganya dikgwetlho tsa sekole se segolwane sa Rakops
06 May 2019
Motshwarelela Tautona, Rre Slumber Tsogwane a re o tlhaloganya dikgwetlho tsa sekole se segolwane sa Rakops se se kwa Boteti Bophirima botoka ka a kile a ruta kwa go sone.
Rre Tsogwane o tlhalositse se fa a rola dibeke tsa baithuti ba mophato wa boraro e le mpho go tswa kwa lebenkele la Furnmart Botswana ka Matlhatso
A re se Furnmart e se dirileng ke go supa mowa wa bopelotlhomogi le go gwetlha dikhamphani tse di ikemetseng go tsaya malebela mo go bone go thiba phatlha fa puso e tlhaelang teng.
Rre Tsogwane a re dikhamphani di tsenya letsogo mo thutong, selo se a reng se ne se sa diragale mo malobeng.
A re mpho e, e tlaa tiisa bana moko mme ba bereke ka natla go fetola maduo mo dithutong.
Rre Tsogwane a re mpho eo, ke tshimologo ya dilo tse dintle kwa sekoleng se segolwane sa Rakops e bile diragalo e, e tlaa ya go ama dikole tse dingwe mo kgaolong.
O rotloesitse bana go ithuta thata gore ba tsoge e le bone baeteledipele ba dikhamphani kgotsa beng ba tsone.
O ne gape a rotloetsa batsadi ba kgaolo go ema nokeng Furnmart ka go reka mo go bone ka ba na le bontlha bongwe mo mading a ba rekileng ka one a baa isang kwa sekoleng.
Mogolwane wa Furnmart, Mme Tsogang Modimakwane a re maikaelelo a bone ke go busetsa mo setshabeng, bontlha bongwe jo ba bo ba neileng
Mme Modimakwane o rotloeditse bana go ithuta ka ba le mo ngwageng wa go kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang a lekwalo la boraro.
E rile a amogela baeng, mothusa mogokgo, Rre Cyprian Ghobe a supa fa sekole se na le letlhoko le le ntsi jaaka tlhaelo ya matlo a boruteloa a a ka dirisiwang jaaka matlwana a dithuto tsa maranyane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : RAKOPS
Event : Tekodiso ya sekole
Date : 06 May 2019