Ba Otse ba kopa go atolosediwa kokelwana
06 May 2019
Banni ba Otse ba kopile gore kokelwana ya bone e atolosiwe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Reba Retshabile o supile ka Labone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele fa morafe o sa jesiwe diwelang ke mosuke le tlhaelo ya bodiredi kwa kokelwaneng.
O supile fa dipalo tsa morafe wa Otse di tsweletse ka go golela pele, ka jalo mosuke o o fitlhelwang kwa kokelwaneng o kgoreletsa gore ba fiwe ditlamelo tsa botsogo ka tshwanelo.
Rre Retshabile a re sengwe se se tshwenyang ke tlhaelo ya boroko, ka jalo seemo seo se paledisa gore ba ka fiwa mooki wa bobedi.
“Ke tshwenngwa ke gore balwetse ba tsaya nako e ntsi ba fodile mela e meleele ka gore mooki a le mongwe ga a kake a kgona go thusa balwetse ka bofefo. Mooki wa rona o imelwa ke tiro, le rona re mo utlwela botlhoko ka gore o bereka oura tse di feteletseng a sena nako ya boikhutso,” ga tlhalosa Rre Retshabile.
O kopile gore Otse a agelwe matlo a baoki a le mabedi.
Fa a tsibogela mafoko a, mogolwane wa baoki mo kgaolwaneng ya Shoshong, Mme Baoketsi Keletso a iteela kobo moroko ka go supa fa ba sa jesiwe diwelang ke seemo sa ditlamelo tsa botsogo kwa Otse.
“Ga re a nna fela bagaetsho, maiteko a a dirwa go tsibogela seemo se.” O supile gore lephata la botsogo le ntshitse mooki wa bobedi go tla go berekela mo Otse, mme sebe sa phiri ke tlhaelo ya boroko, ka jalo mooki yoo o santse a direla kwa Shoshong.
“Le fa re kgorelediwa ke tlhaelo ya sepalamo, re dirile thulaganyo ya gore a nne a etela Otse gabedi mo bekeng, go tla go thusa go fefosa tiro,” ga tlhalosa Mme Keletso.
E rile a tsibogela dikgang tsa morafe, mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le kgodiso ngwao, Rre Makgalemele o lebogetse ba lephata la botsogo go tsibogela selelo sa morafe, mme le fa go ntse jalo a kopa gore ba fefose dinao go tla ka tharabololo ya leruri.
O ne a kopa komiti ya ditlhabololo tsa motse go ema ka dinao ba thusa puso fa e tlhaelang teng ka go phunya metswedi ya ditlhabololo tse di ka godisang motse.
“Le a itse gore re agile Mmadikole ka go ntsha bonnyennyane jo re neng re bo kgona, ke kopa gore le tsweledise mowa o wa boipelego.
Le santse le na le bokgoni jwa go tsaya karolo ya motia mo ditlhabololong tsa lefatshe ka go direla motse wa lona,” ga tlhalosa Rre Makgalemele.
E rile a itebaganya le dintlha tsa palamente e e fetileng e go neng go ajwa madi a ditlhabololo, Rre Makgalemele o rotloeditse morafe go ema ka dinao gore ba kgone go akola lemmenyana le le seegetsweng fa thoko go reka dithoto le ditirelo tsa beng-gae.
O ba gwetlhile go dirisa tse di mo tikologong ya bone go tswakanya le go godisa itsholelo ya motse le lefatshe la Botswana ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : OTSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2019