Ditlou di tlhakaladitse kwa Mokubilo
06 May 2019
Mothusa kgosi wa Mokubilo Kgosi Badigeng Resetse a re ditlou di tlogetse balemi ba iphotlhere morago ga gore di ba senyetse diterata tsa masimo.
Kgosi o tlhalositse jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe kwa motseng oo.
A re ditlou di tshosetsa matshelo a banni ka jaana di setse di gorora le mo motseng.
A re ditlou tse gantsi di a bo di batla metsi, a kopa gore puso e di batlele kwa di ka nwang teng kgakajana le masimo le motse.
Kgosi Resetse o supile gape gore o tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya dinno-tagi mo motseng wa gagwe.
A re e ama bana le thuto ya bone ka jaana batsadi bangwe ba sena nako ya go ba tlhokomela.
Mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa motse, modulasetilo Rre Pini Gaborapelwe o tlhalositse fa Ipelegeng e tsweletse sentle.
Rre Gaborapelwe a re kgang e e tshwenyang ke ya kokelwana.
A re e tlhoka go atolosiwa le go dirwa gore e bereke bosigo le motshegare.
A re phimolo keledi ya ditlou ga e arabe selelo sa bone ka gore e kwa tlase.
A re seemo sa metsi se botoka mme fela a tlhoka go phatlaladiwa le motse ka bophara.
Rre Gaborapelwe o ne a gakolola fa go le botlhokwa gore bana ba ba nnang kwa marokong a RADS ba tlhoka motho yo o ka nnang le bone kwa matlong ao ka bangwe ba bone ba le bannye.
Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Lelatisitswe a re kgang ya ditlou ke selelo sa kgaolo yotlhe mme go ntshitswe lekoko le le sekasekang gore di ka dirwa jang, a tlatsa ka go re pego e tlaa ntshiwa kwa palamenteng e e tlang.
Rre Lelatisitswe o ne a lemotsha batsadi gore thuto ke boswa jwa motho jo a ka sekeng a bo tseelwa ke ope.
A re ba ikgaphe mo tirisong botlhaswa ya dinno-tagi ba tlhokomele bana.
Fa a itebaganya le tse di builweng kwa palamenteng o tlhalositse ka melao e le meraro e e fetisitsweng kwa palamenteng e leng ya bogodu jwa leruo, go oketsa dingwaga tsa pereko tsa babereki ba dikgolegelo le go boela morago tiriso ya motshine wa tlhopho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MOKUBILO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2019