Mopalamente ga itumedisiwe ke maduo a ko tlase
05 May 2019
Mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe a re ga a itumedisiwe ke maduo a a kwa tlase mo dikoleng tsa Letlhakane.
Mopalamente o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla mo Letlhakane bosheng, a tlhalosa gore o tsamaile le dikole tsotlhe tsa Letlhakane go sekaseka maduo mme a fitlhela a sa itumedise.
Rre Lelatisitswe o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana, a tlatsa ka go re puso le yone e leka go baakanya seemo mo dikoleong. O boletse fa kwa sekoleng se segolwane sa Letlhakane go dirwa dipaakanyo tse di tseneletseng ka P56m fa se se botlana sa Mokani sone go agwa matlwana a borutelo le a roba bobedi a barutabana.
Fa a ba rolela tse a tswang ka tsone kwa palamenteng, Rre Lelatisitswe o tlhalositse ka melao e le meraro e e fetisitsweng kwa palamenteng e akaretsa wa bogodu jwa leruo, a supa fa go gagamaditswe dikatlholo go nna dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano kana lesome le botlhano fa e le modiramolato wa ntlha.
Mopalamente Lelatisitswe a re molao o mongwe ke wa go okediwa ga dingwaga tsa pereko tsa babereki ba dikgolegelo le wa go boela morago molao wa tiriso ya motshine wa ditlhopho, a tlholosa gore go ya go dirisiwa tsamaiso ya gale ya ditlhopho.
Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane o ne a bolelela mopalamente gore motse wa bone o godile, ka jalo o tlhoka ditlhabololo di tshwana le katoloso ya tsela le go tsenya ditsela tse di fa gare ga motse sekontere. Kgosi Kegapetswe a re ba tlhoka boremelelo jwa marekisetso, kokelo ga mmogo le kampa ya sepodisi.
E rile a rolela mopalamente pego ya VDC, modulasitilo Mme Keene Keoarabile a re ga ba robadiwe ke seemo sa metsi a a sa kgoneng go anama le motse otlhe. Mme Keoarabile a re ba na le letlhoko la boroko jwa badirelapuso bogolo jang barutabana, a tlatsa ka go re ba tshwengwa ke seemo sa mosuke kwa sekoloeng se segolwane sa Letlhakane.
A re ba kopa go okelediwa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng, a tlatsa ka go re ba solofeditswe go agelwa kokelo le kampa ya sepodisi mme ga ba a tlhalosediwe gore dikgang tsa teng di tsamaya fa kae.
Rre Odirile Tawana o supile fa makhanselara ba tshwanetse ba buisa diphuthego go isa mananeo a ditlhabololo kwa setshabeng.
A re go sale go twe kompone ya Lucara e aga lebala la metshameko nako kgolo ke eno, lenaneo la kgopho ya metsi a a leswe, dipone tsa mekgwatha di eme.
A re batho ba lebile Ipelegeng e le yone motswedi wa ditiro ka gore dikompone tse fiwang ditiro mo tikologong di itlela ka babereki.
Rre Otsile Mmatlakgomo o ne a botsa gore kgang ya go ntshiwa motho a letela tsheko kwa ntle yone ba dirile jang ka jaana e le yone e dirang gore batho ba ipoeletse go dira melato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 May 2019