Ba Mmutlane ba ngongorega ka boradikonteraka
05 May 2019
Banni ba Mmutlane ba ngongoregile ka beng ba dikhamphani ba e reng ba sa fenya dithendara ba bo ba isa dingongorego kwa lekgotleng la tshekelong ba re se, se dia ditlhabololo.
Banni ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele kwa kgotleng ya Mmutlane bosheng morago ga go amogela tekodiso mo go mopalamente mabapi le go diega ga go agwa ga matlwana a borobalo a baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Kalamare.
Mopalamante Makgalemele o boleletse banni gore le fa mo phuthegong ya bone ya bofelo a ne a ba tlhomamisetsa fa thendara e abilwe e bile a solofela fa khamphani e e abetsweng thendara e tlaa simolola tiro mo bogaufing, bangwe ba ne ba isa boikuelo kwa kgotleng ya ditsheko mabapi le go ajwa go thendara eo.
A re ke lone lebaka le kago ya matlo a boroko a bana, a ba sa bolong go lelela mo go ene ka one e santse e saletse kwa morago.
Rre Makgalemele a re o tlhaloganya selelo sa bone e bile o ngomolwa pelo ke seemo mme ga go se se ka dirwang fa e se go emela lekgotla go tsaya tshwetso.
Mongwe wa banni ba Mmutlane, Mme Barati Makene a re puso e tshwanetse ya tsenya leitlho kgang ya beng ba dikhamphani ba e reng ba sa atlega ba bo ba nna lefufa mo go yo o fentseng.
A re boammaruri ke gore ga ba kake ba nna bafenyi botlhe mme ba tshwanelwa ke go amogela maduo. Mme Makene a re se se botlhoko ke gore ba ba amegang ke banni ba metse e puso e lekang go isa ditlhabololo kwa go yone go araba dilelo tsa bone.
A re e le banni ba Mmutlane ba tswa kgakala ba lela ka boroko jwa baithuti kwa Kalamare kwa bontsi jwa bana ba bone ba amogelwang teng fa ba fetsa lekwalo la bosupa mme ba mekamekane le go duelela bana sepalamo go ba isa sekoleng ka ba tsena kwa Kalamare ba nna kwa Mmutlane.
Mme Makene a re pego e e fetileng ya ga mopalamente ya go ajwa ga thendera go simolola kago ya matlo a borobalo jwa bana, e ne ya ba nontsha pelo mme jaanong go utlwa fa e santse e emisitswe go tswelela e le ditiro tse di dirwang ke batho go ba tsenya mo pitlaganong.
Selo se a re ke maiteko a bangwe go kganela ditlhabololo tse puso e ba di tsisetsang mme mokgwa o o tshwanetse wa kgalengwa.
Mokhanselara wa Mmutlane, Rre Otsogile Segolame a re kgang ya Kalamare e bokete ka e le morwalo o o mo imelang e le mokhanselara wa kgaolo ka mo mabakeng a mantsi e a re fa dikole di bulwa a tshwanelwe ke go thusa batsadi ba ba senang boitiro go ba isetsa bana sekoleng. A re mme fa matlo a borobalo a ne a fedile, baithuti ba Mmutlane ba kabo ba nna kwa sekoleng go imolola botsadi mokgweleo.
O kopile mopalamente gore le fa gone dikgang tsa semolao di ka seke di fetolwe, ba tsenye dikgang tsa mofuta o leitlho, go bonwe gore baikopedi ba dithendara ba ka thusiwa jang ba sa kgopakgopetsane le go emisa ditlhabololo ka di araba dilelo tsa morafe. Fa a ba kgwa kgaba, Rre Makgalemele o ne a ba babisa ditsebe ka mogopolo o o neng wa ntshiwa kwa palamenteng wa gore go nne le kgotla ya ditsheko e e itebagantseng le dikgang tsa dikgwebo go itebaganya le dikgang tsa mofuta o.
A re se se ka fefosa ditsheko le go thusa go fefosa ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE -
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 May 2019




