Baithuti ba shafatsa ntlwana ya tshidilo maikutlo
05 May 2019
Baithuti ba Gaborone Universal College of Law ba akgoletswe mowa o montle wa go lemoga letlhoko ba bo ba tsaya kgato.
Ba akgotswe ka Labobedi ke mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Letsopa kwa Lobatse, Mme Maggie Tshoganetso morago ga gore ba shafatse ntlwana ya bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekolong seo.
Mme Tshoganetso o boletse fa seemo sa ntlwana eo se ne se sa jese diwelang e bile se sa tsamaelane le diemo tse baithuti ba kopanang le tsone.
A re bogakolodi bo botlhokwa, ka jalo sekole se tlaa nna le fa go tshwarelwang bokopano jo bo faphegileng le batsadi teng, le gone go utlwa ka fa baithuti ba tshelang ka teng ba phuthologile go bua mathata a bone.
Mme Ateng Basutli, yo e leng mongwe wa baithuti ba ba shafaditseng ntlwana eo, o ne a tlhalosa gore jaaka ba dira dithuto tsa botsogo, ba ne ba bona go le botlhokwa go kopana le setshaba se ba direlang mo go sone go tokafatsa seemo.
Mme Basutli a re morago ga go sekaseka dikole tse di mo Lobatse, ba ne ba lemoga letlhoko la ntlwana ya tshidilo maikutlo e e faphegileng kwa Letsopa, mme ba bona go le botlhokwa gore ba tlhabolole ntlwana eo le go e tsenya didirisiwa dingwe jaaka bolao jwa go itheetsa fa mongwe a le bokoa le dibuka tse di rutang ka maele a botshelo.
Mme Lucretia Moremi go tswa kwa lephateng la botsogo le boitekanelo kwa Lobatse o boletse gore botsogo jo bo siameng bo dira gore thuto e nne ya maemo a ntlha. A re maikaelelo ke gore go nne le sethaba se se itekanetseng se ntsha maduo a mantle.
O ne a bolela gore lenaneo le le mo dikoloeng ke go fetola ka fa baithuti ba akanyang ka teng, bogolo jang fa ba gola gore ba itlhaloganye, ba itemoge, a tlatsa ka go re ba-na-le seabe botlhe ba botlhokwa gore sekole se ntshe maduo a maemo a ntlha.
Morutabana wa tshidilo maikutlo le bogakolodi Mme Lokwalo Thobega o ne a lebogela baithuti bao le ba lephata la botsogo le boitekanelo thuso e ba e fileng sekoleo sa Letsopa.
A re ntlwana eo e tlaa thusa go fodisa mewa ya baithuti ka go na le mekgabisa e e kgatlhang le melaetsa mo lobotaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE -
Event : Tshidilo maikutlo
Date : 05 May 2019